Breaking News

Dirisang dibaesekele - mogolwane

23 May 2023

Dipalo di supile fa dikotsi tse di amang badirisi ba dibaesekele di le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le tsa dikoloi.

Mothusa molaodi wa Tutume Rre Kabelo Tshekiso o buile se kwa segopotsong sa mafatshefatshe sa ipabalelo tseleng kwa Tutume bosheng.

Ka jalo o gakolotse Batswana gore ba boele kwa tirisong ya dibaesekele.

Rre Tshekiso a re mo kgaolong ya Tutume bontsi jwa batho bogolo jang bagodi ba tlotlile tiriso ya dibaesekele thata go na le  dikoloi ka jaana banana ba ele bone ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela. 

O ne a tswelela a tlhalosa gore dibaesekele ga di dirisediwe mesepele fela, mme dithusa gape go sireletsa le go lwantsha malwetsi a a sa tshelwaneng. 

A re fa motho a tsaya mosepele ka baesekele, o itshidila mmele selo se se rotloediwang ke ba botsogo.

Rre Tshekiso a re ditlhwatlhwa tsa leokwane le tsone di ile magoletsa, ‘go  a turu go dirisa dikoloi’ mme a gakolola gore a batho ba iphokoletse go babalelwa ke manokonoko a itsholelo le ditlhwatlhwa ka go dirisa dibaesekele.

O tlhalositse fa komiti ya ipabalelo tseleng e tsaya karolo mo go ipeleleng segopotso  sa mafatshefatshe e le tsela nngwe ya go rutuntsha batho go ikela tlhoko ka nako tsotlhe.

A re badirisa ba tsela a ba itse gore batho ka go farologang ba dirisa ditsela ka metlhale e e sa tshwaneng mme se, se tsenye ba bangwe mo diphatseng ka go rialo a ba nne podi matseba go iphemela mo dikotsing.

Modulasetilo wa khansele ya Tutume Rre Thatayaone Kehitile o ne a akgola lekgotla la mafatshefatshe (UN) go bo le dirile segopotso se sa ipabalelo tseleng.

A tlatsa ka gore lekgotla la mafatshefatshe la botsogo le lone le boloditse letsholo la methale ya tsa mesepele e e leng teng gompieno, e e balalesegileng e bile e thusa mo go babaleleng tikologo le matshelo a batho mo mafatsheng.

Rre Kehitile a re se, se raya gore ditsela tse batho ba di dirisang go tsaya meselepe di babalesegile le gone gore go botlhokwa go le kae gore motho a tseye mosepele oo.

A re tsholofelo ke gore batho ba bo ba ithutile ka nako ya bolwetse jwa COVID-19, e batho ba neng ba kgothadiwa go tsaya meselepe fa go tlhokega.

A re ntswa bolwetse jwa COVID-19 bo ile kwa tlase, batho ba rotloediwa go fokotsa meselepe e e seng botlhokwa ka seo se ka thusa go babalela tikologo go fokotsa dikotsi mo ditseleng.

O ne a gakolola banni go ikanya dipalamo tsa setshaba.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : TUTUME

Event : segopotsong sa mafatshefatshe

Date : 23 May 2023