BTC e bula lekalana la maloma tsebe
22 May 2023
Khamphani ya BTC e simolodisitse lekalana la maloma tsebe le le tlaa thusang go lwantsha borukutlhi jwa megala ya di tlhaeletsanyo
Physical Security manager, wa khamphani eo, Rre Sonny Mogojwa o buile se kwa moletlong wa ntebele ke go lebele wa Morula kwa kgotleng ya Masugankwe mo Molepolole bosheng.
Rre Mogojwa a re ba dirile se morago ga go lemoga fa khamphani ya bone e lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya bogodu jwa kopore le malatlha a a dirisiwang fa ditlhaeletsanyo di kgaogile, a re seo ke tshenyetso setshaba ka go dirisiwa madi a mantsi go baakanya selo se se bakang tiego mo ditlhabololong tsa lefatshe.
“Re itlamile go dirisana le morafe le maphata a mangwe a puso gore e nne bone matlho le ditsebe tsa rona mo go begeng dikgang tsa bogodu jwa kopore,” ga tlhalosa Rre Mogojwa.
A re lekalana le la maloma tsebe le tlaa thusa go tshwara le go tsisa kitso e e maleba ka bogodu jo bo diregang, a bo a tshwaela gape gore ba dirile nomoro ya mahala (Toll-free number) e e tlaa thusang mo go fefoseng pego ya bogodu jwa megala ya ditlhaeletsanyo.
O tlhalositse gore bo maloma tsebe ba tlaa atswiwa e le ntlha nngwe ya go ba tiisa moko.
A re dikgang tse di tshwanetse tsa tsibogelwa le go tshwarwa ka matsetseleko ka di ka nna botlhabetsi mo matshelong a bao ba ithaopelang go nna maloma tsebe fa mongwe a ka rothisa mmutla madi.
“Fa o re loma tsebe o le wa ntebele ke go lebele, nna podi matseba gore ga gona ope yo itseng ka dikgang tseo go itsa go baya matshelo a lona mo diphatseng.”
O ne gape a re dilalome tse di setse jaanong e le digongwana tse di boneng kgwebo mo go utswemg le go rekisa megala eo kwa ntle ga lefatshe mme ebile ba tsweletse ka go tla ka maiteko otlhe a go fenya le go tlhorontsha lefatshe.
A re mo ngwageng wa 2022 ba amogetse melato ele 886 mme fa e sale ngwaga ono o simologa go fitlha kgwedi ya Moranang ba kwadisitse melato e le 44 ya bogodu le tshenyo ya megala.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Mesiah Rankokwane a re selelo se segolo mo kgaolong ya bone ke go gasagasiwa ga matlakala mo go setseng go beile matshelo a bone mo diphatseng ka jalo a kopa ba khansele go tsibogela seemo seo.
A re lentswa lekgotla la ntebele ke go lebele le leka go phepafatsa, go lebega ba berekela kgetsi e e dutlang ka bangwe ba dikoloi ba tsweletse ka go tshololela matlakala mo gare ga motse.
Mookamela mapodisi a Molepolole Superintendent Benedict Matlho a re ba itemogetse kgolo ya dipalo tsa tiriso botlhaswa ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re mo ngwageng wa 2021/22 ba kwadisitse tse 215 fa ba setse ba gatisitse tse 33 fa e sale ngwaga ono o simologa go fitlha ka kgwedi ya Moranang.
Supt Matlho a re fa e sale molao wa tiriso bana botlhaswa o fetolwa go ya kwa dingwageng tse di lesome le boferabobedi, dipalo di ne tsa oketsega ka jaana bana ba dingwaga tse 18 ba dumela fa ba na le boikarabelo.
Mo go tse dingwe Supt Matlho a re go itshwara ka maitseo a a makgasa ke nngwe ya melato e felelang e gogela kwa dipolaanong ka bangwe ba sa e tseye ka tlhwaafalo.
“Dikiteo tse di potlana di felela di bakile dipolaano mme go simologile fela ka dikgobalo tse di potlana,” ga tlhalosa Supt Matlho.
Mopalamente wa Molepolole bokone Rre Oabile Regoeng a re o akgola banni ba kgaolo ya Masugankwe ka jaana tshwaragano magareng ga morafe le basepodisi e ka fokotsa borukutlhi mo motseng.
“Fa re ka ema ka dinao rotlhe ra nna seopo sengwe, re ka fenya borukutlhi jo bo mo kgaolong ya rona,” ga tlhalosa Rre Regoeng.
A re banni ba tshwanetse ba sireletsana ka go dira jalo go ka lere tshireletsego ya lefatshe leno, selo se se ka ngokang babeeletsi go tla go simolodisa dikgwebo mme go tokafatse itsholelo ya lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 May 2023