' A re baakanyeng motheo wa lelapa '
21 May 2023
Go tlhomamisa gore bana-le-bogole ba godisiwa mo tikologong e sireletsegileng ke boikarabelo jwa botlhe ba ba tshelang le bone mo malapeng le morafe ka kakaretso.
Se se builwe ke mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay bosheng kwa Letlhakeng kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la malwapa, le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Malapa le Diphetogo tsa Dipalo” (Families and demographic change).
Rre Kablay a re batsadi ba tshwanetse ba netefatsa gore bana-le-bogole ba godisiwa sentle gore ba kgone go nna borre le bomme ba ba nang le boikarabelo mo sechabeng. A re o buisiwa se ke gore gangwe le gape fa go buiwa ka dilo dingwe bana-le-bogole ba bewa ka fa mosing.
"Ke itumeletse go bo bana-le-bogole ba gakologetswe fa go buiwa ka malwapa, ka bangwe e le baeteledipele ba malwapa mme re tshwanetse ra ba neela tlotlo ra seka ra ba nyenyafatsa," ga tlhalosa Rre Kablay.
A re fa mona-le-bogole a le mo lwapeng o tshwanetse a tshwarwa ka lorato le teka-tekano jaaka bana ba bangwe go itsa kgethololo. A re lelwapa le tshwanetse la tlisa lorato gore bana-le-bogole ba gole ka mogopolo o o phuthologileng ba na le tumelo mo Modimong. "Tlotlang lelwapa, le itse fa ele lone motheo wa konokono mo go ageng chaba e nang le maikarabelo," ga bua Rre Kablay.
Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng a re go botlhokwa go ruta sechaba ka mosola wa lelwapa. A re mongwe le mongwe o tswa mo lelwapeng ka jalo go maleba gore ba ba tswang kwa morago ba rutiwe ka mosola wa lelwapa. "Gore lelapa le alose bana ba ba nang le boikarabelo, boammaruri le kagiso di tshwanetse tsa 'rena magareng ga mme le rre,” ga bua Kgosi.
A re ditiro tse di seng monate mo lapeng di dirwa ke borre, mme seo se felele se baya bana mo diphatseng ka tikologo e ba tshelelang mo go yone e abo e sa iketla, e na le dilabe tse di ka ba ntshang mo maikaelelo a bone a boammaaruri. "Keletso le thapelo ke gore re baakanye motheo wa malapa gore a tle a thuse mo tsamaisong ya lefatshe,” ga tlhalosa Kgosi Gaoonwe.
Moemedi wa mokgatlho wa Healthy Families, Mme Clever Brown a re motheo wa lelwapa ke ngwana, mme kgodiso ya ngwana ga se selo se se motlhofo ka e tlhoka motho yo o lorato, pelonomi ebile a na le maikarabelo.
A re tshwaragano ya batsadi le bana ka maikutlo le go ba tsenya mo mananeong a ditogamaano tsa lelapa e botlhokwa ka e thusa go nonotsha le go rekegela maikutlo a bone. A re go tlhalosetsa ngwana dilo tsa botshelo ka botlalo le gone ke ntlha nngwe e molemo ka go ka ba haposa mo masuleng a lefatshe.
Mme Brown o ne gape a re batsadi ba tshwanetse ba ruta bana ka dikgang tsa botsalano ka seo se ka thusa go hema dikgaogano tsa malwapa tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno. A re go ka nna sentle mo lenyalong fa bobedi jo bo nyalaneng bo na le thulaganyo ya boammaruri e e senang diphiri e bile e tlotla motheo wa lenyalo.
"Fa batho ba tsena mo manyalong mongwe le mongwe o tla ka tsholofelo tsa gagwe tsa go aga lelwapa le le kitlanyeng ka jalo banyalani ba tshwanetse ba itima dingwe ka ba abo ba tsena mo legatong le lengwe," a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : LETLHAKENG
Event : letsatsi la mafatshefatshe la malwapa
Date : 21 May 2023