Breaking News

Batawana ba kopilwe go tlotla kgosi

21 May 2023

Morafe wa Batawana o o gwetlhilwe go tlotla, go dibela le go tlhokomela kgosi ya bone.

Morafe o ne wa kopiwa gape go tla ka ditiro tsa morafe tse di tlotlomatsang seriti sa bogosi.

Kgosi Mmualefhe Mmualefhe go tswa kwa kgaolong ya Chobe o buile se kwa kgotleng kgolo ya Batawana jaaka morafe o ne o amogela Kgosi Tawana II go tsaya setilo sa gagwe kwa Maun ka Labotlhano.

Kgosi Tawana II o boela jalo mo ofising morago ga dingwaga di le lesome a tserwe ke ditiro tse dingwe mme kgaitsadie, kgosi Kealetile Moremi a ne a mo tshwarelela lebaka leo go fitlhela kgwedi e e fetileng a boela mo ofising.

Kgotla kgolo ya Batawana e ne e thibile thii!,  megolokwane, melodi le maboko di bo di lelela boatleng fa Kgosi Tawana II a goroga a tla a pagame pitse e tshumu a potapotilwe ke mophato wa gagwe, go bonala tota gore go goroswa.

Kgosi Mmualefhe a leboga Kgosi Tawana II gore a bo a bone go tshwanela go boela mo kgotleng go direla morafe wa gagwe.

O ne a leboga le Batawana go amogela kgosi ya bone ka lerato a re ba supile fa e le ruri ba ne ba mo nyoretswe. Kgosi Mmualefhe o ne a kgothatsa Kgosi Tawana go ikanya Modimo gore a kgone tiro ya gagwe mme a leboga le Kgosi Kealetile Moremi a re o diretse Batswana ka botswapelo le lerato.

A re Kgosi Moremi o supile fa bomme le bone ba nonofetse tiro ya bogosi a re se se itumedisang thata ke neelano e e bonolo a tlatsa ka gore ga go aka ka nna dikgogakgogano fa kgaitsadie a re o boela setilo sa gagwe.

Rre Oleyo Ledimo yo eleng moemela kgosi mo kgotleng ya Batawana le ene o ne a ruta morafe gore kgosi e nngwefela mo kgaolong ya Ngamiland ka jalo a ba kopa go mo tlotla ka nako tsotlhe. A re mo bogosing go na le moemela kgosi le dikgosana ka jalo a kopa morafe go tlhaloganya pharologanyo a tlatsa ka gore bao botlhe ba na le dithata tsa go dira ditiro tsa bogosi mme seo ga se reye gore ba ipitse ba re ke dikgosi.

O ne a tlhalosa gape gore kgosi tota ga e bitswe ka sefane a tlatsa ka gore le basadi ba dikgosana ga ba tshwanelwa go bitswa gotwe ke bahumagadi ka jaana mohumagadi a le mongwefela ele wa ga kgosi.

Kgosi Ledimo o ne a supa gape fa kgaolo ya Goo-Tawana e bopilwe ke merafe ya dingwao tse difarologanyeng ka jalo a supa fa merafe eo e okametswe ke Kgosi Tawana II. Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Caterpillar Hikuama o ne a otlelela mafoko a ga Rre Ledimo a re ke boammaruri kgosi o mongwefela mme a tlhalosa gore ga go molato gore merafe e ipele ka dingwao tsa yone a re seo ga se semorafe kana  go nyenyefatsa kgosikgolo.

A re dikgosi tsa pele di tshedile le merafe eo mme go ne go rena kagiso le thitibalo fela go sena semorafe. A re o dumela fa merafe e mo kgaolong e tla ema nokeng kgosi ya bone mo tirong ya gagwe. E ne ya re a leboga, Kgosi Moremi a lebogela monnawe go bo a boetse mo kgotleng a re o dumela fa a tla tsweledisa fa a emeng teng a direla morafe.

A re tiro ya gagwe o e weditse ka thotloetso ya morafe a tlatsa ka gore go ne go sena lebaka la go tlhoka go mo sutela ka jaana e le ene mong wa bogosi jwa Batawana.

O tsweletse a supa fa morafe o mo nyorotswe ka jaana ba itse fa a le senatla mo tirong e bile a tla tlisa pharologanyo e kgolo mo kgaolong.  Kgosi Moremi o kopile morafe go mo ema nokeng a supa fa Kgosi Tawana II a rata dilo tse di direlwang mo pontsheng.

Batawana ba ne ba abela kgosi dimpho di akaretsa leruo le madi gareng ga tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Esther Mmolai

Location : MAUN -

Event : Kamogelo ya kgosi

Date : 21 May 2023