Mmadinare o bona ditlamelo gaufi
18 May 2023
Tshwetso ya puso ya go godisa khansele potlana ya Bobirwa gore e ikemele e thusitse ka jaana e tlaa atumetsa ditirelo tsa khansele gaufi le banni.
Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre kgotla Autlwetse o boleletse banni ba Mmadinare mo phuthegong ya kgotla bosheng gore le ntswa puso e sena dikago tsa khansele kwa motseng wa Mmadinare, se ga se emise gore morafe o ka bona ditlamelo tse ba ntseng ba di bona.
A re puso e tla tsaya tshwetso ya go tlhatlosa maemo bodiredi jwa khansele jo bo ntseng bo dira mo Mmadinare gore ba kgone go tsaya ditshwetso ka bofefo gore morafe o kgone go thusiwa.
O tlhalositse gore go latela ditlamelo kgakala kwa Bobonong e tla nna selo sa maloba, le fa ntswa go godisiwa ga motse go satla ka dikago, a re se se dirilwe ke letlhoko la madi, mme e feletse e dirisa P63 million go tlhatlosa maemo a bodiredi jwa dikhansele tse di lesome le bongwe tse di neng tsa godisiwa maemo. A re se se ne se dirwa go okeletsa bodiredi dithata.
Rre Autlwetse o tlhalositse gore go saletse puso go atumetse ditirelo tse di tlhokegang kwa motseng wa Mmadinare.
Mo go tse dingwe, Rre Autlwetse o tlhalositse gore selelo sa kgosi wa Mmadinare, Kgosi Maureen Mphoeng sa gore dikgosi dingwe di sale di emetse go atswiwa mme go tsere sebaka se se leele go sa diragala, ga se a itlhokomolosiwa mme mabaka ke tlhaelo ya madi.
A re metsana e e neng ya godisiwa go nna metse e ne e tlhoka gore e thapelwe dikgosi le bodiredi, ka jalo madi a a neng a le teng a ne a lekane go duela bodiredi joo, mme a solofetsa gore fa seemo se tokafala ba tla akanyediwa.
Le fa go ntse jalo, Tona Autlwetse o supile fa a tshwentswe thata ke dipalo tse di kwa godimo tsa dikgosi tse di runyang kwa Mmadinare, a re se se diga boleng jwa bogosi le go tlhakatlhakanya ditso tsa motse.
E rile a tsibogela tse di amang tlhaelo ya di dirisiwa tsa lenaneo la namola leuba di tshwana dipeke le dilepe, Rre Autlwetse a re puso ga e sa tlhole e na le madi, ka jalo dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tshwanetse go itirele madi go ithekela dilo tsa go nna jalo.
A re puso go na le ka fa e thusang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka teng, mme le tsone di tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go itirela madi e seng go leba fela kwa pusong.
E rile a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o supile boitumelo mabapi le diphetogo tse tona a tsileng ka tsone, a tlhalosa fa se se tsile go fokoletsa banni mosepele le ditshenyegelo.
Rre Molebatsi a re se ke kgatelo pele e tona e e tserweng ke tona go latedisa morafe ditlamelo gona le gore ba bo ba di latela bokgakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 18 May 2023