Breaking News

Magosi ga a jesiwe di welang ke borukutlhi

18 May 2023

Kgosi Wonder Ndadi wa kgotla ya Thini kwa Tutume o buile a sa kgwe mathe ka bogodu jwa leruo jo bo diragalang mo motseng oo.

 Kgosi Ndadi o supile matshwenyego ao kwa bokopanong le magosi a dikgotla tsa motse kwa Tutume ka Labobedi.

A re bosheng dikgomo di le masome mararo le bosupa di tswa go tshwarwa kwa Nata, magodu a leruo a di amogile beng ba tsone kwa Tutume. Fa marole a roba bobedi one a fitlhetswe kwa masimong a Karata, a tlogedisetswe bommaone kwa motseng wa Makuta.

Kgosi a re se se ngomolang pelo go feta ke gore, mmelaelwa mo borukutlhing joo o mo nngwefela, e bile o dira seo a santse a emetse tsheko kwa ntle ya molato o o tshwanang leo.

Kgosi Ndadi o ne a kgala tsamaiso e e letlelelang badira melato go letela tsheko ba le kwa ntle, a re bontsi jwa batho ba gonna jalo ba felela ba tsweledisa mokgwa wa bone wa tshenyo ba le kwa ntle.

Go sale foo, o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke majalwa a a titielwang mo malwapeng, go sena tetla.A re dikgosi da neetswe tetla ya go letlelela batho go titiela majalwa le go a rekisa mo malwapeng, sebe sa phiri ke gore batho bao, ba titiela majalwa a a borai, le go letsa diletso masigo.

O tlhalositse fa motho a letlelelwa go rekisa bojalwa bo le bongwe fela, fa e le go re o apaya bojalwa jwa Setswana e nne jone fela, go seka ga nna le khadi, mokuru le a mangwe.

Kgosi Ndadi a re majalwa ao a baka ditlamorago tse di maswe jaaka dintwa, kgokgontsho le tiriso botlhaswa ya bana.

A re ngogola baithuti ba basetsana ba le masome mabedi le boroba bobedi ba tlogetse sekole ka lebaka la boimana.

A re fa ba latedisa seemo sa dikgang tsa teng, ba lemogile fa ditiragalo ka bontsi di dirwa kwa dikerekeng tse di tsenang bosigo le kwa malwapeng a rekisang majalwa a a titielwang.

Kgosi Ndadi o kopile dikgosi go ema ka dinao go kgalema ka lentswe le le lengwe botlhoka tsebe joo.

Fa ba akgela, dikgosi le tsone di supile fa medumo ya diletso, bogodu jwa leruo le borukutlhi ka go farologana bo sa jese di welang mo motseng.

Ba kgadile ba menne phatla molao wa go letlelela babelaelwa go letela tsheko kwa ntle. Ba re ba lemogile fa seo e le go neela motho wa go nna jalo nako go ya go tsweledisa tiro ya gagwe.

Kgosi Moemedi Selolwane wa kgotla ya Selolwane a re ba le dikgosi tsa tetlanyo ba kopa go neelwa dithata tsa go sekisa melato e mesesane ya borukutlhi mo dikgotleng tsa bone, go leka go itepatepanya le dikgang tsa borukutlhi.

E ne e rile pele, Kgosi Tapson Madikwe wa Tutume a bolela fa bokopano joo e ne e le go tlhagolela tsela phuthego ya go sekaseka melelwane ya bokhanselara.

Kgosi a re ba lekoko leo ba tsile go tsaya megopolo mo setshabeng, mme ka jalo ba le baeteledipele ba batho ba bone botlhokwa jwa go kopanela kgang eo gore e re ka letsatsi la phuthego ba role mogopolo wa bone ba le seopo sengwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 18 May 2023