Breaking News

Seriti sa malwapa se tlhoka go tsosiwa

18 May 2023

Maiteko a go busetsa seriti sa malwapa a tsweletse  jaaka ka lenaneo la Re A Nyalana.

 Se, se builwe ke Mogolwane go tswa kwa Lephateng la Social Protection  Rre Joseph Kgamanyane ka letsatsi la mafatshefatshe la malwapa le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Letlhakeng ka Labobedi.

A re maikaelelo a letsatsi leo ke go lemoga malwapa, a supa fa motho mongwe le mongwe a tsholwa mo lelwapeng.

Rre Kgamanyane o tlhalositse fa ba tlaa dira melawana e e laolang malwapa, a tlhalosa fa mo lefatsheng leno ba tshwanetse gore fa ba bua ka malwapa ba bue ka selo se se tshwanelang botlhe.

Sebui sa tlotla  Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Mabuse Pule, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go ipelela letsatsi le, kwa metseng ya selegae kwa batho ba leng teng.

O tlhalositse fa lelwapa go tewa batho ba ba batlang ditlamelo, a supa gore mo lefatsheng leno motho a tlhokomelwa go simologa a santse a le mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme tlhokomelo eo e tswelele  le fa a sena go tsholwa.

A re tlhokomelo ya bongaka e e fang ngwana mekento e e thibelang malwetsi le go mo kala e mahala.

Mothusa tona o boletse gape fa bana ba isiwa dikoleng mahala go fitlhela a ya go tsena kwa mmadikole. 

A supa fa puso e tlhokomela batlhoki ka dijo le ba-na-le bogole gore ba seka ba babalelwa ke manokonoko a botshelo.

O tlhalositse fa ka ngwaga wa 1994 ba United Nations General Asssembly, ba ne ba seegela letsatsi le kwa thoko gore le ipelelwe ka kgwedi ya Motsheganong a le lesome le botlhano.

Rre Pule o kopile batsadi go ruta bana melao e ba tsamaileng ka yone, a supa gore fa ba ka se baakanye malwapa kwa tshimologong, go aga  malwapa a a nonofileng go tlaa pala.

Mothusa tona o supile fa basadi bangwe ba tsena mo manyalong ba kile ba thubediwa ba sale bannye, mme ba seke ba bolelele bakapelo ba bone, a supa fa se se felela se thuba malwapa ka jaana bomme bao ba felela ba sa tshepe monna mongwe le mongwe.

A re ba ba kileng ba feta ka diemo tseo go botlhokwa go bona ba  tshidilong maikutlong kwa  go ba Boipelego, a bo a tlhalosa fa tshidilo maikutlo eo e le mahala.

Rre Pule o tlhalositse fa go kgokgontshiwa, tlhalano, go betelelwa le ditagi  di le kwa godimo fela thata mo lefatsheng leno.A re malwapa a le mantsi a bonye kgokgontsho ka nako ya COVID- 19. 

Fa a tswa la gagwe Mme Mpho Keaboletse go tswa kwa Botsogo Association o e leng  wa ba-na-le bogole o kwadisitswe ka fa molaong.Mme Keaboletse o tlhalositse fa ba kgobokantse ba-na-le bogole go ba ntsha ka fa mahure, go ba tlhamela ditiro le go ba lemotsha ka boleng jwa bone mo malwapeng. O kopile batsadi go tshegetsa ba-na-le bogole, a re ba ba rute ka malwapa gore le bone ba tsoge ba ikagela a bone.  

Fa a ntsha malebo, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe Rre Liakat Kablay o ne a tlhalosa fa ba itumeletse gore letsatsi leo le bo le tshwaretswe kwa motseng wa Letlhakeng, a kopa Batswana gore ba seka ba nyenyafatsa ba-na-le bogole fa ba batla go emela maemo ape fela le faele kwa ditlhophong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : letsatsi la mafatshefatshe la malwapa

Date : 18 May 2023