Seemo sa ditsela ga se jese di welang
24 Nov 2013
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlha ba re ga ba itumedisiwe ke mathata a a amang a kgaolo ya bone a a akaretsang seemo se se sa itumediseng sa ditsela.
Ba supile matshwenyego ao fa ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo mo tshimologong ya phuthego e e tletseng ya khansele kwa Masunga, kgwedi eno e le masome a mabedi.
Makhanselara a buile a shakgetse fela thata ba bolela fa ba tshwentswe ke seemo sa ditsela tsa kgaolo ya bone, bogolo jang tse di lomaganyang metse, ba tlhalosa fa ba tswa kgakala ba lela ka seemo seo mme go se sepe se se dirwang.
Ba ne ba bo ba tlhobosa lephata la ditsela la puso, ba re ba palelwa ke go dira tiro ya lone ka botlalo, ba re ba ipotsa gore go amoga dikhansele ditsela dingwe di neelwa lephata leo go ne go direlwa eng, ka khansele e ne e le botoka thata mo go di tlhokomeleng.
Ba re e sale lephata leo le tsaya boikarabelo jwa ditsela, ga le ise le iphe matsapa a go gopa ditsela, selo se ba reng se baya banni ka fa mosing ka ba senyegelwa ke dikoloi gangwe le gape.
Ba ngongoregile gape thata ka ditsela tsa Tshesebe/Masunga le ya Gulubane/Sechele/Masunga, ba bolele fa ba nna ba solofediwa fa di tla dirwa mme nako kgolo ke eno. Mabapi le tsela ya Gulubane-Sechele-Masunga, makhanselara a tlhalositse fa dithulaganyo tsotlhe di dirilwe go akarediwa go abelwa madi a go dira tiro eo, mmogo le gone go duela mong wa polasi e e ralalwang ke tsela eo; mme jaanong ba sa itse gore madiadia a bakwa ke eng.
Ba tsweletse ba supa fa ba sa itumedisiwe ke seemo sa tsela ya Sebina/Mulambakwena, e mo nakong eno e oketswang bophara; ba re go setse go itshupa gore botshelo jwa yone ga bo kalo, e bile e tla tsenya matshelo a batho mo diphatseng ka jaana fa pula e nele, e fetoga sediba. Ba re potso e motho a ka ipotsang yone ke gore batlhatlhobi ba ditsela ba tsere kgato efe mabapi le seemo seo.
Mo go tse dingwe, mokhanselara wa Seviya, Rre Bakani Badziile, o ne a re o makadiwa ke gore e re le ntswa paka eno e le ya temo, komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo e bo e sa bega sepe se se amang temo-thuo, go balelwa go abiwa ga dipeo, go swa ga dikgomo tse barui ba sa tswang go di fiwa go emisetsa tse di neng tsa bolawa morago ga gore kgaolo e welwe ke seru sa bolwetse jwa tlhako le molomo.
Mokhanselara Badziili a re dikgang tsa go nna jalo ke tse di tlhokang gore ba lekodisiwe ka tsone ka di ama matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : Phuthego ya khansele
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 24 Nov 2013






