Banni ba ngongorega ka lekgotlana la kabo ditsha
24 Nov 2013
Banni ba Ngware mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba bete se molangwana ka tsamaiso ya lekgotlana la kabo ditsha la Lephepe.
Mo potsolotsong Kgosi Kgotla Kobelwane, o supile fa banni ba sale ba lela ka lekgotlana leo la kabo ditsha ka ngwaga tsa bo 2006, ka ba re le na le go abela lefatshe batho ba ba ikopetseng kwa morago, le ikgatholosa dikopo tse di tsileng pele.
Kgosi Kobelwane a re ba belaela tshenyetso setshaba ka jaana e setse e le selo modiro, bogolo jang mo peong ya didiba. O kaile fa ba kwaletse tona wa ditsha le matlo go tla go buisa phuthego ya kgotla mo motseng wa bone, e le tsela ya gore a tle go araba matshwenyego a bone.
Kgosi o ne gape a supa fa ba sale ba kopile go fudusetswa kwa lekgotlaneng la kabo ditsha la Letlhakeng ka e bile lone le le gaufi le motse wa bone. A re ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa motseng wa Letlhakeng ntle fela le tsa kabo ditsha.
Kgosi Kobelwane a re go nna kgakala ga lekgotlana leo gantsi go dira gore balemi ba motse wa gagwe ba seka ba akola mananeo a puso a tshwana le go abelwa dipeo ka nako ya temo ka jaana bangwe ba abo ba tlhokile madi a sepalamo go ya go tsaya ditlankana tsa masimo kwa Lephepe.
A re se se kgobang marapo ke gore le fa ba sena go tsamaya sekgala se se kalo go ya Lephepe, ba kgona go tswa ba iphotlhere; go twe inthanete ga a bereke, ka jalo go ka se kgonege gore ba ka thusiwa ka se ba se tletseng.
Mo go tse dingwe, kgosi o supile fa bogodu jwa leruo bo le kwa tlase, mme o tshwenngwa ke dintwa tsa mo malwapeng ka ntlha ya bojalwa jo bo nowang phetelela mo motseng. A re go na le kgolo e ntsi ya go thubiwa ga marekisetso a bojalwa; mme go supa fa e dirwa ke bangwe go tswa kwa ntle ga motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 24 Nov 2013






