Breaking News

Kago ya matlo a batlhoki e a wela

24 Nov 2013

Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e e simolotseng ka Laboraro, Ngwanaatsele a tlhola masome a mabedi e itsisitswe fa go agiwa ga matlo a batlhoki go tsweletse sentle, e bile go tloga go wela.

Mo puong ya gagwe ya go simolodisa phuthego eo, modulasetilo wa khansele, Rre City Kealotswe, o tlhalositse fa paakanyetso ya go rolela matlo ao a a masome a mabedi le botlhano beng ba one, le yone e sa salela kwa morago.

A re tiro mo bontsing jwa matlo ao e wetse, fa e se fela a a seng kalo a mo go one go sa ntseng go felelediwa fale le fale. Rre Kealotswe yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya botlhophi ya Mapoka, o tlhalositse fa mo ngwageng ono wa madi, khansele ya Bokone Botlhaba e ne e filwe didikadike tse pedi le sephatlo sa dipula go agela bao ba ba tlhokang bonno matlo.

A re go setse go dirilwe ditshekatsheko tsa go batla batho ba ba ka thusiwang, a tlhalosa fa ba ba tla bonang thuso ka thulaganyo eo, ba tla akaretsa bana-le-bogole, dikhutsana le bagodi.

Rre Kealotswe o kaile fa go beilwe leitlho batho ba le masome a mabedi le botlhano go tswa mo metseng e le masome a mabedi le boraro go ka thusiwa ka lenaneo leo. A re kago ya matlo ao e tla simolola fa therisanyo le bana-le-seabe botlhe e sena go wela.

Fa a bua ka thulaganyo ya go agela ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego matlo, Rre Kealotswe o ne a supa fa mo matlong a le masome a mararo le botlhano, e le a mabedi fela a kago ya one e iseng e wele.

Le fa go ntse jalo, o ne a gatelela gore e tla re kgwedi eno e ya fifing, matlo ao a bo a wetse jaaka go ne go rulagantswe. O ne a iteela legofi botlhe ba ba nnileng le seabe mo go agiweng ga matlo ao, a supa fa go itumedisa go bo ba ne ba seka ba adima tshwene marapo mo tirong e ba neng ba e filwe.

Mo ntlheng ya go oketsa boroko jwa badiri, o ne a itsise phuthego ya khansele fa lephata la Dikgaolo le Tokafatso Magae le ntshitse madi gore go agiwe matlo a matlhatlaganyane kwa motseng wa Tati Siding.

A re tiro eo, e e dirwang ke kompone ya matlo ya BHC e simolotse ka Lwetse monongwaga. O boletse fa e tla re e sena go wediwa, go nne le koketsego ya bodiredi kwa motseng oo; selo se a supileng fa se tla nolofatsa go abiwa ga ditirelo koo.

Mo go tsa ditsela, Rre Kealotswe o supile gore e re le ntswa go na le tlhaelo ya madi e e kgoreletsang go dirwa ga ditsela mo kgaolong, khansele e tsweletse ka maiteko a go dira ditiro tsa botlhokwa e dirisa badiri ba yone.

O ne a supa fa go gopiwa ga ditsela tse di kwa motseng wa Moroka go tsweletse sentle, a tlhalosa fa tse dingwe ditiro tse di tsweletseng di akaretsa go agiwa ga metshelakgabo kwa motseng wa Tshesebe gammogo le go rengwa ga ditlhare le go epiwa ga disana mo ditseleng tse di yang kwa ditsheng tse disha tsa motse wa Mabudzane.

Rre Kealotswe o ne gape a ama ntlha ya go busediwa ga dikgomo le dihutshane mo bontlheng bongwe jwa kgaolo jo bo neng bo amilwe ke go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo.

O kaile fa tiro eo, e e simolotseng kgwedi e e fetileng e setse e gorogile kwa metseng e le mmalwa, selo se a supileng fa se bakwa ke go sa nneng teng ga dihutshane ka dipalo tse di nametsang mo lefatsheng leno lotlhe.

Go sale foo, Rre Kealotswe o ne a kgala mokgwa o o aparetseng barui wa go tlhanogela go tsaya leruo mme jaanong ba ikgethela go fiwa madi. A re se se utlwisa botlhoko ka jaana thuo e le yone tsela e e tlhomameng e bile e ikanyega, ya go lwantsha lehuma. O ne a gwetlha makhanselara go lemotsha barui fa thuo e sa ntse e ka nowa moro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 24 Nov 2013