Breaking News

Ba le bararo tla a kiba kgolegelo

24 Nov 2013

Mmakaseterata wa Jwaneng, Rre Odirile Mokgatle, o atlholetse basekisiwa ba le bararo ba kgotla ya Maulana kwa Molepolole dingwaga di le tlhano mo kgolegelong mongwe le mongwe ka ntlha ya molato wa go utswa leruo.

Go boletswe fa e rile kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le matlhano monongwaga, Oteng Dithato wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi le Thuso Moedi wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi,  ba utswela Mme Balebetse Gofhamodimo dinku di le lesome kwa motseng wa Sese gaufi le Jwaneng.

Tlhwatlhwa ya dinku tseo, tse di neng di tshwailwe lephagana mo ditsebeng tsotlhe, e ne e ka tshwara dikete di ferabobedi le makgolo a mabedi a dipula.

Maiteko a basekisiwa a go itoka fa pele ga lekgotla gore le ba repisetse setoropo a ne a itaya sefololetse ka jaana mmakaseterata a ne a supa fa ba dirile bosetlhogo mme ebile katlholo ya bogodu jwa leruo e sa seegelwe fa thoko.

Rre Mokgatle o ne a laela gore dinku tse supa tse di neng di tsisitswe fa pele ga lekgotla e le bosupi di busediwe mong wa tsone. Go supilwe fa basekisiwa ba rekisitse tse pedi mme e nngwe e ne yaa swa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Tsheko

Date : 24 Nov 2013