Breaking News

Matsubutsubu a sentse matlo

24 Nov 2013

Malwapa a le boferabongwe a ne a sala mo legoeleleng morago ga gore matlo a senngwe ke pula e e neng e na ka matsubutsubu a diphefo mo Tsabong bosheng.

Go ya ka mothusa molaodi mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Patrick Isaac, tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e le lesome le boferabongwe ka nako ya botlhano mo maitseboeng. O ne a tlhaolsa fa ofisi ya ga molaodi e patilwe ke ba boipelego ba ne ba ya go lekola malwapa ao a a neng a amegile Tsabong.

Rre Isaac o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba khansele ba thusitse malwapa ao ka dijo tsa nakwana le tshidilo maikutlo, fa bone ba ba thusitse ka ditente. O kaile fa mo go one matlo ao go na le ntlo e le nngwe e e neng e agilwe ka lenaneo la SHHA; e a supileng fa morago ga ditshekatsheko, mong wa yone a tla e baakanyetswa ke ba khansele.

Rre Isaac, a re tshenyo eo go belaesega e bakilwe ke gore pula e ne e na ka diphefo tse di mashetla; ka matlo a a amegileng bontsi jwa one a ne a lebega a agegile sentle.

Fa a akgela mo kgannyeng eo, mogolwane wa boipelego Mme Virginia Toto, o ne a kaya fa go na le motlhoki mongwe yo ba mo tlhokomelang ka dijo tsa mophako tsa kgwedi le kgwedi, yo le ene a amilweng ke tshenyo eo.

Mme Toto o ne a supa fa ba ne ba patelesega go thusa mosadimogolo yoo yo o dingwaga tse di masome a boferabobedi ka tente ka lone letsatsi la tiragalo ka a ne a nna le bana ba bannye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 24 Nov 2013