Breaking News

Mosadi o kgothatsa Batswana go diragatsa matshego

24 Nov 2013

Go pega folaga ya Botswana, ke  letshwao la go supa go bala malatsi a a  setseng gore  lefatshe leno le bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa.

Mafoko a, a boletswe ke kgosikgolo ya Balete, Kgosi Mosadi, fa a ne a amogela morafe o o neng o tsile go tla go pega folaga ya Botswana mo tshiping e telele ya Botswana Telecommunications Corporation.

Kgosi Mosadi o kaile fa go phaphasela ga folaga mo godimo ga dikago tse di telele go tshwanetse ga gwetlha Batswana go diragatsa matshego a tebelopele ya setshaba.

O ne gape a re nako e tsile ya  gore batho ba simolole go emisa go bua matshego a lefatshe leno ka molomo fela, mme ba inaakanye le one gore ba tokafatse matshelo a bone le a ba bangwe.

Kgosi o ne a supa fa go swabisa gore ere ntswa lefatshe leno le ikaelela go nyeletsa borukutlhi, dipalo tsa jone di bo di sa ntse di le kwa godimo. O kopile batsadi gore fa ba bona bana ba bone ba tla ka dithoto tse ba sa itseng kwa di tswang teng, ba seka ba di amogela.

O ba kopile gape go ela tlhoko bana ba e a reng go tsogwa ba bo ba robala, a re ba tshwanetse go ipotsa gore fa go robalwa bone ba ya kae.

E rile a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Mme Angelina Leano, a tlhalosa fa e tlaa re ka ngwaga wa 2016, lefatshe leno le bo le ipelela dingwaga tse di masome a  matlhano le ntse le ipusa.

Mme Leano o boletse fa moono wa boipuso e le Botswana Pele, a bolela fa go le botlhokwa gore motho a ipotse gore o diretse eng lefatshe la ga gabo. O boletse fa nngwe ya dilo tse di dirwang go ipaakanyatsa boipuso jo, e le go tsholetsa folaga ya lefatshe leno le go tlotlomatsa mebala ya setshaba.

O boletse gape fa Batswana ba tshwanetse go itsaya motlhala, go bona gore ba kgonne eng mo matshegong a tebelopele ya setshaba, ba tlhaetse fa kae gore ba go baakanye. Mme Leano o boletse fa difolaga tse, di tla a fofela kwa godimo go fitlhela ka ngwaga wa 2016. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Pego ya folaga

Date : 24 Nov 2013