Kedikilwe o tlosolosa ditlhopho
21 Nov 2013
Motshwarelela Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe, o tsere tshwetso ya go tlosolosa ditlhopho tsa Francistown bophirima.
Dr Kedikilwe o tsere tshwetso e, a sena go sekaseka mabaka mabapi le ditlhopho tse di neng di rulaganyeditswe go tshwarwa kwa kgaolong eo kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro.
Ditlhopho tseo jaanong di tlaa tshwarwa Hirikgong a le masome mabedi le botlhano. Dr Kedikilwe a re tshwetso eo e tserwe ka mabaka a le mmalwa mme bogolo segolo go lebilwe dikeletso tsa setshaba.
A re gape go ne go lebilwe gore batlhophi ba bantsi ba Francistown bophirima ba ne ba ngongorega ka ditlhopho tse. Gape go ne go lebilwe gore kgang ka ga ditlhopho tse e santse e le kwa kgotleng kgolo ya ditsheko le ya boikuelo.
Tlosoloso e ga e phimole taelo ya go tshwarwa ga ditlhopho tsa poeletso tsa bopalamente jwa Francistown bophirima, ka jalo, ga go na go bulelwa go nopolwa ga maina a ba ba eletsang go emela ditlhopho koo sesha ka jaana se se laolwa fela ke tshwetso ka kgang e e kwa kgotleng ya boikuelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Kitsiso ya semmuso
Date : 21 Nov 2013






