Breaking News

Baithuti ba kgothadiwa go lema ditlhare

21 Nov 2013

Baithuti ba sekole se sebotlana sa Makolojwane kwa Serowe, ba kgothaditswe go se kgobege marapo mo temong ya ditlhare ntateng ya letlhoko la metsi le seemo sa loapi.

Se se builwe ke mogolwane wa mokgatlho wa Humana People To People, Mme Kesegofetse Gaolebe, kwa moletlong wa kabo ditlhare o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng seo.

Mokgatlho o, o gantsi o itebagantseng le bolwetse jwa HIV/AIDS, o ne wa abela sekole sa Makolojwane ditlhare di le lekgolo le masome a matlhano mo bekeng eno. Mme Gaolebe a re e le ba mokgatlho wa humana ga ba a itebaganya le go rutuntsha ka bolwetse jwa HIV/AIDS fela mme le bone ba tsibogela seemo sa loapi.

A re ba bone go le matshwanedi go ikgolaganya le ba Lephata la Dikgwa le Tshomarelo Matlotlo a Tlholego, go ba thusa go lema ditlhare mo lefatsheng leno ka bophara.

O tsweletse a re ba itemogela seemo sa loapi le letlhoko le le ntsi la metsi, le gone gore ga se reye gore temo ya ditlhare e tshwanetse go ema; a tlatsa ka gore e ka thusa go fokotsa kgotelo ya loapi. Mme Gaolebe a re go botlhokwa go rutuntsha le go rotloetsa bana ba sale bannye go nna le lorato lwa ditlhare gore ba gole ba di somarela.

A re go a swabisa gore mo nakong ya gompieno go bo go sena mefuta mengwe ya ditlhare e dikokomane tsa gompieno di ka e supegediwang. O supile fa makgetho a le mmalwa ba abela batho ditlhare, mme e re morago ba latedisa ba fitlhele di beetswe kwa motsheo di sa tlhokomelwe jaaka go solofeditswe.

O gateletse thata botlhokwa jwa go tsaya setlhare jaaka ngwana, go rurifatsa tlhokomelo ya motia, a tlatsa ka gore tsholo ya mofuta o e ka isa Botswana golo gongwe go lebeletswe go thuthafala ga loapi. Bana bangwe ba sekole ba ne ba tlhophiwa go ya go lema ditlhare kwa malwapeng a bone, se e le go leka go oka kgatlhego go tswa kwa lwapeng le go rotloetsa botsadi.

Mme Gaolebe a re ga ba felele ka sekole sa Makolojwane mme ba ikaelela go tsamaya lefatshe lotlhe go thusa go aba ditlhare. O akgoletse sekole go bo se ititeile ka thupana go lema ditlhare tse dintsi, a re se se supa gore se na le tebelopele mo go nyeletseng kgotelo ya loapi le go somarela ditsatlholego.

Fa a leboga, mogokgo wa sekole, Mme Kefilwe Kebaetse, o ne a re ditlhare di tlaa ba thusa go menagane go tlatsa tse di leng teng. O lebogetse sebaka sa go ka nna nngwe ya dikole tse di abetsweng ditlhare, a tlatsa ka gore ba tlaa di somarela go supa tebogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sethunya Malaakgosi

Location : SEROWE

Event : Moletlo wa kabo ditlhare

Date : 21 Nov 2013