Ba Ngware ba re ba tlhoka thuso
21 Nov 2013
Mothusa modula setilo wa komiti ya ditlhabololo ya Ngware, Mme Mmaona Kgotlhang a re go na le tshalelo morago mo go thuseng batho ba motse oo ba ba mo mananeong a puso a nyeletso lehuma.
E rile mo potsolotsong, Mme Kgotlhang a supa fa mo motseng oo go na le batho ba ba rutetsweng go suga matlalo, go bopa dinkgwana, go roka ga mmogo le ba ditshingwana tsa mo malwapeng.
Mme Kgotlhang a re batho ba ba rutetswemg go suga matlalo kwa Ngware ga ba ise ba bone thuso ya madi a go similodisa kgwebo ya bone ntswa ba reketswe didirisiwa.
O bile a ngongorega gore batho bao ba ne ba laelwa ke khansele go ithekela matlalo go simolodisa kgwebo, mme a re seo se a ba ketefalela ka ba itshetsa fela ka Ipelegeng e madi a yone a sa lekanang go reka matlalo a go simolodisa kgwebo.
A re ba ba rutetsweng go bopa dinkgwana bone ba sale ba rutetswe tiro eo ka 2009 mme le gompieno ga ba ise ba rekelwe didirisiwa, fa ba ditshingwana bone a re ga ba ise ba di agelwe.
Mo go tse dingwe, Mme Kgotlhang o ne a kopa puso gore e tshele sekontere ditsela tse di tsenang mo motseng go tswa kwa Molepolole le kwa Letlhakeng.
A re mo nakong ya gompieno ditsela tse di nna fela ka go gopiwa le go tshelwa mmu o a reng ga se wa boleng jo bo siameng ka jaana o nna seretse nako ya dipula.
Mme Kgotlhang a re fa puso e ne e ka tshela ditsela tse sekontere e ne e ka somarela madi ka go dirisiwa madi a mantsi mo go di gopeng. Mme Kgotlhang o ne gape a kopa puso go ba agela kokelwana ka a re fa e sale e nna motse o o ga o ise o ke o agelwe kokelwana, ka mo nakong eno ba dirisa kamore e nngwe fela e e agilweng ka lenaneo la Ipelegeng.
A re se se dira gore balwetse ba seka ba nna le sephiri fa ba ile go itekodisa ba booki. O ne gape a tlhalosa fa ba sale ba kopile khansele go shafatsa matlo a bonno a bana ba ba nnang kgakala le ditlamelo go a fetola go nna sekole sa bananyana mme a re fa e sale ba solofedistswe nako kgolo ke eno.
A re maikaelelo e ne e le gore fa matlo ao a sena go shafadiwa ba abele mmaboipelego kamore e nngwe e le ofisi ka jaana a se na ofisi e e siameng. Mme Kgotlhang o ne a supa fa sekole se segolwane sa Ngware se ba saleng ba se solofeditswe dingwaga tse di fetileng jaanong go lebega se tlaa atlega ka jaana ba thuto ban e ba tsile bosheng go tla go tlhola seemo.
A re selo se se tlaa thusa bana ba motse go bona ditiro ka jaana bontsi jwa bone ba ntse fela mo motseng mme ba lwela Ipelegeng le bagolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 21 Nov 2013






