Somarelang ditsha - Mabiletsa
21 Nov 2013
Mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Botlhaba o kopile banni ba Mmathubudukwane go emisa go rekisa ditsha ka jaana lefatshe le seo mo kgaolong ya bone.
E rile Rre Isaac Mabiletsa a buisa phuthego ka Mosupologo Ngwanaatsele a tlhola lesome le borobabobedi kwa motseng oo, a supa fa lekgotla la kabo ditsha le sa jesiwe diwelang ke thekiso ya ditsha mo kgaolong eo.
Mopalamente o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Kgosi Balebetse yo e rileng mo kamogelong ya gagwe a ntsha matshenyego a go aba ditsha sesolo ga Bakgatla.
Kgosi le mopalamente ba nnile moono o le mongwe gore Batswana ba tshwanetse go somarela ditsha tse ba di newang ke ba kabo ditsha gore ba direle bana ba bone bokamoso.
Ba re se se utlwisang botlhoko le go feta ke banana ba ba rekisang ditsha tsa bone fa go le thata, mme ere morago ba boe ba kope go fiwa lefatshe gape.
Kgosi Balebetse a re bangwe ga ba tlhabolole ditsha tsa bone; mme ere morago ba kabo ditsha ba ba bileditse fa pele ga lekgotla go tlhalosa mathata a bone e nne e kete ba a tshwenngwa. O ne a ba kopa gore ba tlhabolole ditsha tsa bone ka nako gore di seka tsa felela di tsewa; e bile go di rekisa go ka se ba sologele molemo.
Mopalamente Mabiletsa le ene o ne a kopa banana go ela tlhoko gore ga ba rekise lefatshe le ba le abetsweng ka seo se ka ba ba baya ka fa mosing mo isagong.
Mme Lemme Kgafela o ne a tlhalosa fa ba na le mathata a motlhaba mo kgaolong ya bone.
A re sebe sa phiri ke gore go turu go reka motlhaba mme seo se ba paledisa go aga ka nako e ba e neetsweng ke ba kabo ditsha go tlhabolola ditsha tsa bone.
Rre Phetogo Magogodi e ne a re le fa go le thata jang, ga a dumelane le gore motho o ka rekisa setsha sa gagwe go ikinola mo mathateng ka jaana a senyetsa bana ba gagwe bokamoso.
A re o dumela gore puso e na le seabe mo go rekiseng lefatshe ka jaana gole motlhofo gore motho o ka reka lefatshe ntswa go dirwa jalo go iphithilwe ka monwana. Rre Magogodi a re o kopa gore go dirwe molao o o kganelang batho go rekisa motlhofo ditsha tsa bone go babalela lefatshe le le setseng e bile le sa bonale mo bogompienong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Nov 2013






