Breaking News

Go tlhoka theko go bolaya kgwebo tse di potlana

21 Nov 2013

Dikgwebo tse di potlana kwa metseng di tsweletse ka go phutlhama, ka phadisano le dikgwebo tse ditona e le kwa godimo.

E ke kgang e e supagetseng go lebilwe mabentlele a magolo jaaka Choppies, Shoppers le a mangwe, a kgolo ya one e hupetsang dimausu le mabenkele a mabotlana; a a welang tlase ngwaga le ngwaga.

Rre Morake Phale wa motse wa Mmathubudukwane a re o kopa puso gore e amogedisetse babereki ba Ipelegeng kwa metseng gore mabenkele a mabotlana a tle a bone kgwebo.

Phale o ne a bua se mo phuthegong ya Kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Botlhaba Rre Isaac Mabiletsa bosheng.

A re o dumela gore fa dikamogelo di ne di dirwa kwa metseng ka go farologana lefatshe ka bophara, seo se ne se ka tlhomamisetsa dikgwebo tse di potlana go dira kgwebo mme di tsosolose mohama wa itsholelo mo dikgaolong ka go farologana.

Rre Phale a re fa babereki ba amogelela kwa metseng e metona jaaka Mochudi, dikgwebo tse ditona ke tsone di bonang dipoelo, mme kwa metseng dimausu di felela di tswala.

A re mabenkele a mabotlana a bona kgwebo fela fa e le gore sukiri kana phaletshe e fedile, le gone fa gongwe e le dilo tsa sekoloto; a tlatsa ka gore seo ga se ba busetse ka gope.

Rre Mabiletsa o ne a tlhalosa fa kgang ya kamogelo e le masisi go ka tsewa motlhofo ka jaana go berekwa le madi a mantsi. A re ke ka moo, puso e neng ya tsaya tshwetso ya gore babereki ba tsewe kwa metseng ya bone go amogelela kwa lefelong le le babalesegileng.

A re dirukhutlhi di ka dira go kgona le go rata mme e bile le matshelo a baamogedisi a ka nna mo diphatseng; ka seo se raya gore ba tla tlhotlhoma le lefatshe lotlhe ba amogedisa batho.

Mopalamente a re go ka nna bokete mo pusong go dira tiro ya mofuta o ka go tlhoka tshireletso. A re tsela e go dirwang ka yone gompieno e sa ntse e sireletsegile mme e bile e babalela matshelo a batho botlhe; le jone borukhutlhi go supa bo le kwa tlase fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Nov 2013