Dikgwebo potlana dingwe di gakatsa bogodu jwa leruo
22 Mar 2023
Mothusa mookamela mapodisi a Good Hope, Assistant Superintendent Bigani Mpindi a re bomme le borre ba gantsi ba itsegeng ka leina la bo mma-seapei ke bone ba nako tse dingwe ba gakatsang bogodu jwa leruo.
Fa a buwa le lekalana la BOPA ka Labobedi, Rre Mpindi a re ba lemogile gore magodu a leruo segolo jang a dikgomo a setse ba bone mmaraka mo go beng ba dikgwebo tseo tsedi potlana tse gantsi di direlang mo malwapeng.
O tlhalositse gore ka Mosupologo mo kgaolong ya bone ya sepodisi ba tshwere banna ba le bararo ka nama ya kgomo kwa Mmathethe, mme go lebega ene e setse e bone bareki kwa Mogoditshane mo bagwebing ba ba botlana kana bone bo mma-seapei.
Rre Mpindi a re fa mapodisi a botsa banna bao gore nama ke ya kgomo ya ga mang mme ebile e ya kae ba ne ba palelwa ke go tlhalosa mme ba lelelwa ke ditshipi, a tlatsa ka gore le mokwalo wa kgomo o o tswang kwa go ba sepodisi o ne o seo.
Rre Mpindi a re mo borarong joo, a le mongwe ke wa motse wa Mmathethe fa bale ba bedi ele ba Mogoditshane. A re ere le ntswa ba leka ka thata go fedisa bogodu jwa mofuta o, go lebega magotswana a batla go itira bo tlhogo nkopa. O tlhalositse gore mapodisi a tlile go tswelela ka go tshwara magodu ao, a go lebegang ale mokawana segolo jang kwa Mmathethe go fitlhela seemo se boela mo taolong.
O kopile barua-kgomo le ba dikgwebo gore ba netefatse gore fa ba tlhaba kgomo, ba itsise ba bogosi, bo ralekgotla kana mapodisi pele gore go netefadiwe fa ele ya bone. A re go dira jalo go ka fokotsa dikgang tse dintsi tsa bogodu jwa leruo tse jaanong go lebegang di tlaa dira gore barui ba nne kobo dikhutshwane. O supile fa banna bao ba santse ba le mo diatleng tsa ba mapodisi mme ba thusa ka ditlhotlhomiso, a tlatsa ka gore bagwebi bao fa baka tshwarwa le bone ba tlaa di gama basa di tlhapela.
Rre Mpindi a re ba tshwanetse go itse gore go fitlhelwa ka dithoto tsa bogodu ke molato, ka jalo ba emise go reka dinama mo mebileng mme ebile di sena mokwalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOOD HOPE
Event : POTSOLOTSO
Date : 22 Mar 2023