Society se tlaa ruta puo ya diatla
01 Oct 2025
Botswana Society for the Deaf e dira botsalano le badirelapuso le makalana a a ikemetseng le go ruta puo ya ba-tlhoka kutlo, maikaelelo e le go akaretsa ba-tlhoka kutlo.
Se se builwe ke mogolwane wa Botswana Society for the Deaf, Mme Orapeleng Mokgosi ka letsatsi la mafatsfatshe la ba-tlhoka kutlo bosheng kwa Letlhakeng. Mme Mokgosi a re mo-na-le-bogole le ene fela jalo o na le ditshwanelo.
O tlhalositse seemo sa go tlhoka kutlo se ka se fetoge, ka jalo setshaba se tshwanetse se ba amogele ka fa ba ntse ka teng le go ithuta puo ya bone ya diatla. A re go itse puo ya diatla go tlaa thusa gore ba-tlhoka kutlo ba thusiwe sentle ka jalo ba kgone go akola mananeo le ditirelo tse dingwe tsa puso jaaka mongwe le mongwe.
Mme Mokgosi a re go tlhoka go itse puo ya diatla ke go rontsha ba-tlhoka kutlo tshwanelo ya bone, a supa fa ba tshwanetse go bona ditlamelo tsotlhe le tsa botsogo tota ntle le kgoreletsego a supa fa go ka ba itumedisa go bona motlhoka kutlo a thusiwa ntle le thuso ya moranodi.
Mopalamente wa Letlhakeng, Brigadier Domcaza Mokgwathi, a re go le gantsi ba-tlhoka kutlo ba amiwa thata ke lehuma kgotsa kgethololo, ka ba bua puo e sa tlhaloganngweng ke bontsi ka jalo ba kgoreletsege go bona metswedi ya go itshetsa.
Ka jalo, Brigadier Mokgwathi a re puso le ba-na-le-seabe botlhe ba tshwanetse go itsolopanya gore ba-tlhoka kutlo le ba-na-le-bogole botlhe ka kakaretso ba bona ditlamelo le mananeo a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone. A re tumalano ya mafatshe ya ditshwanelo tsa ba-na-le-bogole e gatelela botlhokwa jwa puo ya diatla, ka jalo tsamaiso ya thuto e tshwanetse ya akaretsa botlhe.
Brigadier Mokgwathi a re puso e rekegela ditshwanelo le matshelo a batho ka kakaretso, ka jalo maiteko a tsweletse ka go dira go tokafatsa seemo sa ba ba lebegang ba saletse morago kana ba beilweng ka fa mahuring go akaretsa ba-tlhoka kutlo. O ba file tsholofelo ya gore puso e tsweletse ka go lemoga pharologanyo mo matshelong a batho, maikaelelo e le gore botlhe ba tshwarwe ka go lekalekana.
Brigadier Mokgwathi a re go kokoana jalo, ga se fela go ipelela letsatsi leo, ke go sedimosa tse di tlhokwang ke batlhoka kutlo le maiteko a a dirwang go ba thusa le go bua ka ditshwanelo tsa bone le go tlhomamisa gore di a diragadiwa.
A re dilelo tsa bone ga se tsa batho ba iphetlhela puso ka gole boamaruri gore ba ntse ba itlhokomolositswe, mme seo se tsisa dikakanyo tsa gore ga se batho ba sepe mo setshabeng.
A re matshwenyego a magolo a ba-tlhoka kutlo ke gore melaetsa ga e goroge ka nako kwa go bone, ka puo ya bone ya go dirisa diatla e sa tlhaloganngwe ke bontsi, ka jalo gonne thata gore ba thusiwe sentle le gone ka nako.
Le fa go ntse jalo, mekgatlho e e ikemetseng e tsweletse ka go dira maiteko a gore setshaba le botlhe ba ba romilweng go isa ditirelo kwa setshabeng, ba itse fa ba direla tshaba e farologanyeng ka puo, jaak gona le ba-tlhoka kutlo ba ba dirisang puo ya diatla. Letsatsi leo, le ne le tshwerwe ka setlhogo se se reng: Ga Gona Ditshwanelo tsa Setho Ntle le Puo ya Diatla.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Segopotso
Date : 01 Oct 2025