Kgotla ya Magapatona e tlhatlosiwa maemo
01 Oct 2025
Puso e tsere tshwetso ya go tlhatlosa maemo kgotla ya Magapatona kwa Tutume go nna nngwe ya tse letlelwang go pega folaga.
Seo se senogileng kwa moletlong wa go tlhatlosa kgotla eo maemo bosheng. Kgosi wa pele wa Tatitown, Mme Ludo Mosojane a re go botlhokwa go tsosolosa serodumo sa dikgotla tsa Setswana.
“Kgosi ke setlhare se se tshwanetseng sa nna le dikala mme morafe wa akola go nna mo meriting wa sone,” Kgosi Mosojane a tlhalosa.
Le fa dikgosi e le botshabelo, a re di hupediwa ke dikgwetlho tse di okameng morafe jaaka tiriso ditagi e e golelang pele mo bananeng le kgokgontsho ya bong. A re matshwenyego a, a tlhoka go lwantshiwa ka tshwaragano ya morafe le Kgosi. Mme Mosojane a re pele ga go tlhongwa lekalana la sepodisi, morafe o ne o laolwa ke molao wa makgotla a Setswana, go rena kagiso le tlotlo.
Fa a itebaganya le Kgosi ya Magapatona, Kgosi Abel Jenamo, a supa gore boeteledipele bo na le dikgwetlho. A re fa sengwe se sa tsamaye sentle mo motseng, menwana e supa Kgosi.
E rile a fa tshedimoso ya mosepele wa go godisa kgotla eo maemo, Rre Elvis Chizhala a re kgang e simolotse ka ngwaga wa 2001 ba kopa puso go re kgotla ya Magapatona e nne motse, e seka ya nna kgotla e ka fa tlase ga Tutume.
Rre Chizhala a re seo ba ne ba dira jalo ba lebile go re tlholego ya kgotla eo e ne e le motse. A re puso e ne ya tsholola kopo ya bone morago ga go ba tshepisa, ka jalo ba ile ba tsaya tshwetso ya go sekisa puso.
O boletse fa ba ile ba fenya tsheko ya go tlhatlosa kgotla maemo le gore e nne e e pegang folaga mme ya go e godisa go nna motse ya pala, mabaka e le gore ke kgotla e e mo motseng e ka se tlhomiwe motse gape. A re le fa go tsere nako go diragatsa se se neng se laetswe ke lekgotla la ditsheko, ba leboga puso go diragatsa dikeletso tsa banni ba kgotla ya Magapatona.
Mo mafokong a go amogela baeng, Kgosi Jenamo o ne a leboga kgosi yo o tlogetseng tiro ka bogodi, Kgosi Mphilo Magapatona go nna le tebelelopele a sedimosetsa morafe ka seemo sa kgotla eo. Kgosi Jenamo a re Kgosi Magapatona o supile bopelokgale jwa go lwela morafe wa gagwe go fitlhelela kgotla e tlhatlosiwa maemo.
A re kgotla ke lefelo le go rerwang dikgang tsa motse le go thusana go lwantsha dikgwetlho ba tshwaragane ka lorato le ka tlotlo, go aga morafe le go godisa serodumo sa Kgotla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Moletlo
Date : 01 Oct 2025