Breaking News

Kalamare o ipelela dingwaga tse 125

02 Oct 2025

 Banni ba Kalamare ba ne ba ipelela dingwaga tse di lekgolo le masome a matlhano (125) motse oo o ntse ole teng.

Moletlo wa Kalamare o o neng o kgatlha leitlho o ne  o tsenwe ke Batswana go tswa  kwa dikgaolong tse dingwe go akaretsa magosi. Fa a bua kwa moletlong oo bosheng, Kgosi kgolo ya Barolong Kgosi Lotlamoreng Lotlamoreng II o ne a tlhalosa fa moletlo o ole botlhokwa ka o fa banni sebaka sa go ipela le go leboga Modimo.

Kgosi Lotlamoreng II a re ke nako ya gore ba Kalamare ba  itshekatsheke ba lebe tse ba di kgonneng le tse di saletseng kwa morago. A re moletlo o gape o ba fa sebaka sa go ikgakolola ditso tsa motse wa bone le matlotlo a tlholego.

Kgosi Lotlamoreng II o rotloeditse morafe wa Kalamare go somarela matlotlo a tlholego a ba gwetlha gore ba sekaseke mogopolo wa go lemoga dikgosi tsa bone tsa pele ka go bitsa mafelo a tshwana dikole, ditsela, le mafelo mangwe a morafe kwa bone.

O ba rotloeditse go tshwaraganele motse gore o gole mme e bile o itsege ka dilo tsedi ntle.Mo go tse dingwe,  Kgosi Lotlamoreng, o kopile batsadi gore ba bue le bana ka boitsholo le tiriso ya ditagi e a reng e ile magoletsa.

O gakolotse morafe wa Kalamare go tlotla kgosi gammogo le go tshwaragana gore ba ise motse wa bone ko pele. Mo godimo ga moo, o ba rotloeditse gore ba somarele ditso tsa bone, ba di rute bana gore di seka tsa nyelela. Kgosi o ne a eleletsa banni ba Kalamare boipuso jo bo molemo mme a ba gakolola gore ba ipele ka boikarabelo le boitshwaro jo bontle.

Fa a amogela baeng,  Kgosi Goareng Mosinyi a tlhalositse  fa letsatsi la go ipelela dingwaga tse di fetang lekgolo le masome a mabedi le botlhano  motse ole teng  e le go leboga Modimo. Kgosi Mosinyi o boletse fa maikaelelo a letsatsi ese go ipela fela,ele go tla go itshekatsheka gore mo di ngwageng tse ba kgone eng le gore ba batla go dirang go ya pele.

Kgosi Mosinyi a re go botlhoko ka gore metse mengwe e ba e fetang thata ka dingwaga e ba feta ka ditlhabololo. O kopile banana ba Kalamare go rata le go ipelafatsa ka matlotlo a bone le go tsaya karolo ya kgolo le tlhabololo ya motse.

Kgosi Mosinyi o boletse fa ba leboga le go lemoga dikgosi tsa motse oo tsa pele gammogo le bagolo bangwe ba dingwaga tse diseng kgakala thata le tsa motse a re ba lebogela seabe sa bone mo kgolong ya motse.

Modulasetilo wa khansele ya Kgaolo ya Mahalapye Rre Outule Segolame o akgotse Kgosi Mosinyi le morafe wa Kalamare a re tiro e ba e dirileng e supa tshwaragano, neelano le tirisano mmogo.

Rre Segolame o ba rotloeditse gore ba tswelele ka mokgwa o wa go ipelega go tlhabolola motse wa bone. A tlhalosa gore tshwaragano ya morafe e ntsha maduo a mantle le kgatelopele ya motse.

Fa a ntsha malebo Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Moneedi Bagaisamang o ne a  gakolola morafe wa Kalamare ka botlhokwa jwa  go somarela matlotlo a tlholego.

Rre Bagaisamang o ba rotloeditse go dira lefelo la ditso go boloka ditso le matlotlo, ditso tse areng dika ngoka bojanala, tsa tlhama ditiro tse di ka direlang motse letseno lele ka tlhabololang motse. O ne gape a atla mogopolo wa ga kgosi Lotlamoreng II wa go bitsa dikole, ditsela kana dikago tsa morafe ka dikgosi tsa pele tsa motse oo. 

Moitseanape wa ditso Dr Jabone Sebina o lemotshitse morafe botlhokwa jwa ditso le gore di tshwanetse tsa kwalwa tsa babalelwa. Dr Sebina o ne a ba tlhalosa ka ditso tsa Bakaa ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Kalamare

Event : Moletlo

Date : 02 Oct 2025