Breaking News

Batswana ba kopiwa go somarela thothi

20 Nov 2013

Kgosi Bigboy Habana wa Nshakazhogwe mo kgaolong potlana ya Tutume o supile matshwenyego ka batho ba ba dirisang metsi botlhaswa.

Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Habana o boletse gore e re ntswa a tlhaloganya seemo sa tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno, o tshwenngwa ke banni ba Nshakazhogwe ba ba phunyang diphaephe ka maikaelelo a go nosa loruo.

A re ba setse ba kile ba ikopanya le Water Utilities mabapi le dikgang tsa batho ba Nshakazhogwe ba ba phunyang diphaephe gore ba nose loruo ntswa ba itse go le kgatlhanong le molao.

Kgosi Habana o boletse gape fa go na le batho ba ba gelelang metsi mo dipompong tsa setshaba ka dikoloi bosigo go isetsa loruo kwa merakeng. 

O boletse fa ba le malala a laotswe gore ope yo ba ka mo tshwarang a dira jalo ba mo tseele dikgato tse di gagametseng. Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa dipompo tse di sa agelelwang di oka loruo, lo lo felelang le di roba, ka jalo metsi a senyege fela thata.

E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Boitumelo Mbulawa, a kopa banni ba motse oo, bogolo jang ba ba nang le ditshingwana tsa merogo gore ba se nosetse ka metsi a a phepa, mme ba dirise a ba tlhatswang ka one, go somarela thothi e ba e fiwang.

Mme Mbulawa o ne a kopa batsadi ba Nshakazhogwe go ruta bana ka botlhokwa jwa go somarela metsi, le gore ba emise go roma bana ba bannye kwa dipompong tsa setshaba ka ba ka tloga ba di tlogela di sa tswalwa, mo go ka bakang tshenyego ya metsi.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kepaletswe Mudongo

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 20 Nov 2013