Dikole di kgothadiwa go dirisa mananeo

21 Mar 2023

Barutabana ba kgothaditswe go inaakanya le mananeo a lephata la thuto ka a le mosola mo go tlhabololeng le go tokofatsa thuto.

Mananeo a, a a lesome le bobedi ka palo a a karetsa la Pastoral Policy le le amang batsaakarolo ba ba akaretsang barutabana, baithuti, batsadi, boeteledipele jwa metse.

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Seetelo bosheng, Mogolwane wa lephateng la thuto mo kgaolong potlana ya Tsabong Mme Zipporah Mapange o tlhalositse fa lenaneo la bokaedi le tshidilo maikutlo le thusa mo kemo nokeng ya baithuti le go tswa ka ditharabololo mo dikwetlhong le dikgoreletsi mo dithutong tsa bone. O kopile   barutabana go le dirisa le go inaakanya le lone ka gantsi le ama bana.

O boletse fa komiti ya botsogo mo sekoleng le yone e le botlhokwa e thusa thata mo dikgannyeng tsa botsogo le gone go rotloetsa mowa wa boitekanelo mo go botlhe ba ba leng mo sekoleng,

A re lenaneo la diteme (language Policy) le rotloetsa gore bana ba rutwe ka diteme tsa bommaabo ba sale bannye ka seo se tlaa thusa tomagano ya bone le barutabana le go rotloetsa boleng jwa thuto.

Lenaneo la Peer approach to counselling by teens ke le baithuti ba rutuntshiwang go buisana le go amogana maele ba phuthulogile le ba bangwe ka dikgang tse di tshwenyang di akaretsa go ikgapha mo dino-taging le gone go kgothatsanya go tlhwaafalela dithuto.

Mme Mapange o ne a supa fa tshimolodiso ya lenaneo la thuto go tswa kwa moding e atlegile mo dikoleng tsotlhe tse di kgaolong eo a supa fa mo nakong eno dikole tseo di amogtse bananyana ba le 754 mme a rotloetsa batsadi go kwadisa bana mo lenaneong leo.

O ne a tlatsa ka go supa fa sekole sa Seetelo e le sengwe sa dikole se maduo a tsone a itumedisang thata mo Kgaolong eo.

Mokgothatsi wa letsatsi leo Rre Mothusi Ntau moeteledipele (Compliance and Quality Assurance) go tswa mo Botswana Examination Council ebile a tlholega mo motseng oo o ne a supa fa ‘more mogolo go betlwa a taola wa motho o ipetla’ ka jalo a ba kgothatsa go nna le botho le gone itebaganya le tsa thuto mme ba tswe mo go ba ba ka ba kgobang marapo ka seo se ka ba itsa go fitlhelela ditoro tsa bone.

Rre Ntau o ba rotloeditse go dira ka natla gore le bone e nne bangwe ba bommantswitswidi ba ba nopolwang ke ba BEC go ba thusa ka dituelo mo go tswelediseng dithutong le fa e le gone go tswela kwa ntle tota.

O ne a bolelela baithuti fa go le botlhokwa go itseela ditshwetso tse di maleba a supa fa thuto e le loeto lo mme ba ka lo fitlhelela fela fa ba na le tebelopele le maitlamo.

O beletse fa a dirile seo go fitlhelela a nna se a leng sone gompieno mme a godisitswe ke batsadi fela jaaka ba godisiwa mo motseng oo.

Morotloetsi mogolo ebile e le mokhanselara wa pele Rre Mock Ntau o ne a tlhalosa fa a tswa kgakala ka go rotloetsa thuto mo dikoleng tse di potlana di le thataro mo kgaolong eo di akaretsa Seetelo, Nhake, Ikaneng, Maleshe, Mc Cathy’s Rust le Tsabong ka go simolodisa mowa wa phadisano gareng ga dikole, bana le barutabana ka go ba abela dikopi le madi e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko.

O boletse fa e sale a simolotse thotloetso ya ngwaga tse tlhano go simolola ka 2015 mme e ne ya wela ka 2019 mme a tsweledisa gape morago ga gore a lemoge fa maduo a dikole tse di mo kgaolong a sa itumedise.

Rre Ntau o boletse fa mo ngwageng oo fetileng mo maduong a lokwalo lwa bosupa sekole sa Seetele se fetile ka tse di tsididi mo dikoleng tse thatataro tse a di rotloetsang.

O ne a abela baithuti ba AB ba le 30 fa barutabana ba mophato oo ba ne ba atswiwa ka P500 mongwe le monwe wa bone.

Rre Ntau o gwetlhile bagwebi, dikhamapani tse di ikemetseng, maphata a puso go ema nokeng sekole seo ka go se ikabela gore maduo a sone a tle a tswelele a itumedisa le gore tse dingwe tse di saletseng kwa morago di tokofatse maduo a tsone.

Fa a leboga Kgosi David Seetelo Toto ll wa motse oo o ne a supa matshwenyego mabapi le baithuti a kaya fa ba le mo dikoleng tse di potlana ba na le botho mme fa ba fetela kwa go tse ditona ba tswa mo tseleng ka go inaakanaya le ditiro tsa botlhoka tsebe.

Kgosi o ne a fa sekai ka baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong ba maitsholo a bone a sa amolesegeng mme a kopa tshwaragano gareng ga boeteledipele, batsadi, barutabana le PTA go bopa bana bao ka jaana leina le le ntle le itirelwa.

O ne a leboga bogogi jwa sekole, barulaganyi le ba-tsaya karolo botlhe go bo ba thusitse gore letsatsi leo le atlege.

Mo karolong ya kabo dimpho bana ba sekole ba ba dirileng go tlala ka diatla mo dithutong ka go farologana, barutabana, badiri, PTA mo sekoleng seo ba ne ba tiisiwa moko ka go abelwa madi, dimpho, ditlankana fa bangwe ba abetswe dikopi.

Rre Neo Moroka le Rre Mothusi Ntau ba ne ba rotloetsa baithuti ba letswao la A ka P200  mongwe le mongwe wa bone.

Moletlo o ne o ketekwa ka setlhogo se se reng Go Ipelela Kgatelopele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Mar 2023