Baji-bareki ba kgothadiwa go itse tshwanelo ya bone
20 Mar 2023
Baji-bareki ba kgothaditswe go itse ditshwanelo tsa bone mabapi le ditirelo tse ba di batlang mo bagwebing.
Kgothatso eo e dirilwe ke mothusa tona wa papadi le madirelo, Mme Beauty Manake kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la baji-bareki kwa Good Hope bosheng.
Mme Manake a re ere ntswa letsatsi leo ele la go ipela, le tshwanetse gape la dirisiwa go tsibosa setshaba ka ditshwanelo tsa bone.
A re puso le maphata a a neetsweng boikarabelo jwa go sireletsa baji-bareki, ga ba kake ba kgona go lwantsha manweenwee a a tsietsang baji-bareki ntle le thuso ya setshaba.
Mme Manake gape o ne a re go tshwanetse ga tlhangwa makalana kana dikomiti go sireletsa moji-moreki mo thekisong ya dithoto le ditirelo tse di senang boleng, tse di borai gammogo le go tlhomamisa gore moreki o fiwa dikitso ka dithoto gore a tlhophe ka kitso.
Fa atswa la gagwe, mogolwane wa Consumer and Competition Authority, Mme Tebelelo Pule a re baji-bareki ba a kgokgontshiwa, mo ka nako dingwe ba rekisediwang dithoto tse di senyegileng, ka ba sa itse ditshwanelo tsa bone.
Mme Pule a re go lemosegile gape gore nako tse dingwe baji-bareki ba tlhabiwa ke ditlhong go ngongorega, le ntswa seo ele ditshwanelo ya bone.
O tlhalositse fa dikgwebo ka bontsi di santse di palelwa ke go sala melawana ya thekiso morago, a solofetsa fa lephata la gagwe le ikaelela go rutuntsha baji-bareki, mme morago le gagamaletse beng ba dikgwebo ba ba sa saleng tsamaiso morago setoropo.
Letsatsi le ne le tshegeditswe ka setlhogo se sereng: Ditshwanelo le Boikarabelo jwa Moji-moreki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOOD HOPE
Event : Moletlong wa go ipelela letsatsi la baji-bareki
Date : 20 Mar 2023