Mmusi o lebogela Nko bonatla
16 Mar 2023
Banni ba Grootlaagte ba tlotlomaditse go dira ka natla ga ga Sergeant David Nko fa e sa le a goroga kwa motseng oo.
Ba kaile fa Sergeant Nko e le senatla, a thusa morafe ka botswapelo.
Mafoko a, a dule kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa lephata la Itshireletso, Rre Kagiso Mmusi yo a neng a leboga Sergeant Nko go tlotlomatsa seriti sa sepodisi.
Tona Mmusi a re go bo Sergeant Nko a itlamile go direla morafe wa Grootlaagte, go itumedisa morafe ebile go dira gore batho ba tshephe mapodisi.
O kgalemile bangwe ba go tweng ba lwantsha Sergeant Nko go dira tiro ya gagwe a re, ba tlaa di gama ba sa dithapela gonne go kgoreletsa lepodisi go dira tiro ke molato. O gwetlhile Sergeant Nko go tswelela a dira ka natla ka seo e le o ne maitlamo a sepodisi.
Fa a tsibogelela matshwenyego a bogodu jwa leruo, Rre Mmusi o tlhalositse fa go tlaa simolodisiwa lephata le le tlaa itebaganyang le bogodu jwa leruo. O sololofeditse gore puso e tlaa aga kampa ya Special Support Group kwa kgaolong ya Ghanzi, go thusa go lwantsha bogodu jwa leruo le go baya leitho molelwane wa Botswana le Namibia o banni ba ntshitseng matshwenyego a gore tereta ya o ne e setse e ole.
Rre Mmusi o lebogile dithopha tsa twantsho bogodu jwa leruo a re di dira tiro e ntle.
O solofeditse kgosi Tsaxlae Xao gore lephata le tlaa thusa ka di caravan go nna diofisi tsa mapodisi.
Morago, Rre Mmusi o ne a rolela motse wa Grootlaagte koloi ya Land cruiser, e a tlhalositseng fa e tlaa thofofatsa tiro ya mapodisi. Modualasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kganxlao Kamte o pakile bonatla jwa ga Sergeant Nko a re, fa e sa le a goroga, go na le pharologanyo e tona ka a thusa morafe ka pelo ya gagwe yotlhe, bosigo le motshegare.
Rre Kamte a re yaare fa motho a timetse, Sergeant Nko a dire gotlhe gore a batliwe a bo a bonwe, selo se morafe wa Grootlaagte o se lebogelang.
Go le pele, Kgosi Xao o ne a supile matshwenyego a tlhaelo ya diofisi le tsela e sa siamang.
Mopalamente wa Ghanzi Bokoni, Rre Johane Thiite o ne a gatelela botlhokwa jwa go tokafatsa tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GROOTLAAGTLE
Event : KGOTLA MEETING
Date : 16 Mar 2023