Mokgatlho wa bahumagadi o na le tiro e ntsi ya go bopa setshaba
15 Mar 2023
Bomme jaaka batho ba ba nang le bokgoni ba tshwanetse ba nna le seabe se se bonalang mo ditlhabololong tsa lefatshe le go bereka mmogo gore ba nne le seabe mo tsamaisong ya boeteledipele.
Ka jalo bomme go akarediwa le bahumagadi ba rotloeditswe go ema ka dinao go bona gore ba nna le lentswe mo mererong ya tsamaiso tsotlhe le gone go fa kaedi fa go tlhokafalang teng.
Mme Mariam Tshoso yo gape e leng modulasetilo wa mokgatlho wa bahumagadi kwa motseng wa Motokwe o buile jaana mo potsolotsong le BOPA.
Mohumagadi Tshoso o ne a supa fa mokgatlho o ne wa simolodisiwa ke Mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi, kgang kgolo e le go lemoga boleng jwa bahumagadi.
A re Mma Atsile o ne a ba lemotsha gore o kare bahumagadi ba tlaa salela kwa morago ka jaana dinako tse dingwe ba sa lemogwe mo dikgotleng mme e le bone ba tlhokomelang dikgosi tsa merafe.
Modulasetilo a re ka jalo bahumagadi lefatshe ka bophara ba ne ba phuthagane go simolola go bereka mmogo gore ba nne le seabe mo tsamaisong ya boeteledipele.
Mme Tshoso a re mokgatlho o, o botlhokwa ka o ba fa sebaka sa go kopana mme ba buisane ka dikgang tse di ba amang e bile gape di ama metse ya bone.
O ne a supa fa bahumagadi ba na le tiro e ntsi ya go lwantsha kgokgontsho ya bong e e leng yone tshoso-e-rweleng ya ditiro tsa bone.
Mohumagadi Tshoso a re ga a robadiwe ke gore bontsi jwa bomme ba tshelela mo kgokgontshong mme e bile ba kgona go kgokgontshiwa jalo ba bo ba sa bue ka yone.
A re seo ke kgwetlho ka kgokgontsho e sa kake ya fela fa bomme ba sa bue ka yone, ka e nna o kare ba a e rotloetsa.
O ne a kopa bahumagadi go ema ka dinao go thusa bomme ka dikgang tse.
Mmakgosi Tshoso a re ba fa dikgosi dikgakololo gore le bone ba itse ka dikgang tse, ba bo ba thuse go di baakanya.
O ne a supa fa bahumagadi ba na le seabe se sentsi mo go tlhabololeng setshaba mme ka fa ba itsholang ka teng go thusa go fa morafe kaedi ya gore go solofelwa eng mo maitsholong a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOTOKWE
Event : Interview
Date : 15 Mar 2023