Breaking News

Kepo ya sediba e tsweletse sentle

15 Mar 2023

Ka go twe e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, banni ba motse wa Bogogobo ba tshwaraganye le khamphani ya Lucara Botswana ba tshwere ka natla go tlhomamisa gore sediba se ba thusitsweng ka sone se ba tswela mosola go nosa leruo ka ba tswa kgakala ba sokola ka metsi.

Sediba se, se se epilweng e bile se setse se goketswe ke khamphani ya diteemane ya Lucara,  se tsile morago ga gore se ba neng ba se epetswe ka 2017 se tlhoke go ntsha metsi.

Mo puisanyong le BOPA bosheng go lekola ka fa tiro e tsweletseng ka teng, Kgosi Benjamin Bailelwang a re morago ga go itaya sefololetse ka 2017 ba ne ba thulanya ditlhogo le boeteledipele mme ba dumalana go rolela Mopalamente Samuel Brooks selelo sa bone mme a ba kopela dithuso mo Lucara Botswana, e e neng ya ba thusa ka go ba epela sediba sa bobedi, se ba neng ba atlega ka se na le metsi a mantsi.

A re go le pele ba khampani eo ba ne ba thusa morafe ka moitseanape yo o dupang metsi, selo se se thusitseng thata go tlhomamisa gore ba atlege.

O boletse fa ba tsweletse ka dipaakanyo le go buisanya le morafe o a boletseng fa mongwe le mongwe a ne a koleka madi a a tlhokafalang go goga metsi go tswa fa sedibeng sekgala sa dikhilomithara di ka nna pedi go tswa mo sekontereng, ka jaana ba Lucara ba dumalane le bone fa ba tlaa kgona fela go ba gogela metsi ka selekanyo sa 1.5km.

Kgosi Bailelwang o ne a tlhalosa fa ba lekgotla la kabo ditsha ba ba thusitse ka lefatshe le gone go sekaseka fa ba gogelang metsi teng go nosa leruo. 

Mo nakong eno ba santse ba kopile dithuso mo go ba lephata la matlhoko a leruo ka lenaneo la LIMID go thusa go goga metsi.

O boletse fa morafe o ne wa akanya go dira tshingwana ya merogo mo lefelong leo mme ba lephata la metsi ba supa fa metsi ao a lekane leruo fela mme a ka seke a goroge mo lebakeng le ba le solofetseng.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Bogogobo/Kolonkwaneng Rre Vincent Dipone o ne a supa fa go na le komiti e e eteletseng pele go tsamaisa sediba mme ba dirile molao-motheo o ba o rometseng go ya go tlhodumelwa ke ba AgriBusiness, mme e tlaa re mo bogaufing o rurifadiwe.

O boletse fa boeteledipele bo tshwaragane le morafe go tlhomamisa dikeletso tsa bone tsa go nosa dihutshane.

Maikaelelo ke go di tlhokomela go nna tsa boleng jo bo kwa godimo gore le bone ba tle ba kgone go rekisetsa matlhabelo a a gaufi le go fela mo Tsabong.

Go ya ka Rre Blessing Nyaruwata wa khamphani e e thapilweng ke ba Lucara Botswana go dira mosele wa pipeline wa 1.5km go isa metsi kwa ntle ga motse mme selekanyo se se tlaa bong se setse sa 500m ba tlaa dira ka boithaopo go thusa, fa morafe o tlaa reka didirisiwa tse di tlhokegang.

Rre Nyaruwata o ne a tlhalosa fa gape ba dumamalane le ba Lucara Botswana go aga tanka e metsi a tlaa tshelwang mo go yone le gone go e agelela ka terata.

O boletse fa ba simolotse tiro eo ka Sedimonthole mme tiro e saletse kwa morago ka lebaka la motshine o o thubang matlapa ka mo nakong eno o senyegile.

Motse oo o dikologilwe ke matlapa a matona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : BOGOGOBO

Event : Interview

Date : 15 Mar 2023