Breaking News

Emelang thuto ya bana ka dinao - Kgosi Tshoso

15 Mar 2023

Kgosi Batho Tshoso wa Motokwe a re o tshwenngwa ke dipalo tsa bana ba ba sa tseneng sekole mme batsadi ba bone ba itshetse moriti o tsididi ka kgang e, ntswa ba nna le bana bao mo malwapeng.

Ka jalo o ne a kgothatsa batsadi ba motse oo go emela thuto ya bana ka dinao ka jaana e le boswa jo bo sa lwelweng.

Kgosi Tshoso o buile jalo mo puisanong le BOPA, a re go tsena sekole ga ngwana ke boikarabelo jwa batsadi mme fa ba sa supe kgathego mo thutong ya ngwana ba busetsa keletso ya puso ya go rurifatsa gore Motswana mongwe le mongwe o nna le sebaka sa go ithuta.

Kgosi Tshoso a re bontsi jwa bana ba ba sa tseneng sekole mo Motokwe ke ba letso la Sesarwa mme bana bao ba le fa gare ga dingwaga tsa bosupa go tsena lesome le botlhano.

Kgosi a re olemogile gore bana bao ba kile ba bo ba tsena sekole sentle fa go na le kwa ba nnang teng kwa sekoleng mme fa o re ba tsoge phakela go ya sekoleng, kgang e nna thata.

A re o kile a phutha bana ba le masome mabedi go boela sekoleng mme kana seo o ne a se kgona a tshwaragane le batsadi le khansele.

O ne a supa fa batsadi bangwe ba goga dinao mo thutong ya bana mme seo se le botlhabetsi ka se ya go kokonela puso ka e tlaa tshwanelwa ke go tlhokomela batho ba bantsi.

Kgosi Tshoso o ne a supa gore kgang ya bana ba ba tshabang sekole e tlhokana le go potlakelwa gore bana bao  ba bone thuso, go kgona go tswelela le dithuto tsa bone.

A re se se ngomolang pelo ke gore bangwe ba bone ba nwa bojalwa fa ba basetsana ba ima ba sale babotlana.

Kgosi o ne a re seo se supa batsadi ka monwana gore ga ba dire go lekane go tlhokomela bana le gone go babalela matshelo a bone.

Kgosi Tshoso a re o kopa boeteledipele jwa kgaolo go emela kgang eo ka dinao go thusa bana gore ba tsoge ba nna le bokamoso jo bo nametsang.

A re o dumela gore fa lephata la thuto le khansele di ka tshwaragana le boeteledipele jwa motse ba ka tswa ka tharabololo go tswa ka methale ya go thusa bana bao.

A re gongwe nako e tsile ya gore ba isiwe kwa dikoleng tse di nang le matlo a boroko go nna koo gore ba bewe leitlho ka bogautshwane.

Kgosi Tshoso a re sengwe sa dilo tse a tlaa kopanang le ba lephata la thuto go se sekaseka ke go direla bana bao thutopuisanyo e le tsela ya go ba thusa go tlhaloganya botlhokwa jwa thuto mo matshelong a bone.

A re sengwe sa dilo tse di tshwenyang ke gore bangwe ba bone bana ba ba tshabang sekole bao, ba felela ba fitlhelwa mo dikgannyeng tsa bogodu le go senyetsa batho mo motseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Motokwe

Event : Interview

Date : 15 Mar 2023