Magosi a akgolelwa go tshwaraganya morafe
15 Mar 2023
Moeteledipele wa Lucara Botswana, Rre Johane Mchive o akgoletse dikgosi tiro e ntle e di e dirang, ya go tshwaraganya morafe.
Rre Mchive o ne a le kwa moletlong wa go ipelela go tlhongwa ga ga Kgosi Meshack Tseleng wa Khwee ka Labone.
A re Kgosi Tseleng o tshwanelwa ke go tsaya setilo sa bogosi le morafe wa Khwee o ne wa lemoga bokgoni jwa gagwe mme ba dumalana ka mogopolo o le mongwe go mo tlhoma moeteledipele wa motse.
Rre Mchive a re Lucara e itumeletse tshwetso e e tserweng ke morafe wa Khwee, a tlhalosa fa a berekile le Kgosi Tseleng mme e le motho yo o senatla e bile a eteletsa pele dikeletso tsa morafe.
O tlhalositse fa Kgosi Tseleng a berekile e le modulasetilo wa Trust ya ditlhabololo tsa Khwee le komiti ya ditlhabololo tsa motse ka lebaka le leleele.
A re Kgosi Tseleng o itshupile fa a na le bokgoni jwa go nna moeteledipele jaaka a ne a dira mo ditirong tse di farologaneng go tlhabolola motse wa Khwee.
O rotloeditse morafe go tsenya letsogo mo mananeong a motse, a tlhalosa fa keletso e le gore setshaba se ikemele.
Moemela bogosi yo mogolwane, Kgosi Barontshi Kegapetswe o tlhalositse fa go na le se go tweng boitshwaro jo bo letlelesegang mo tirong, segolo jang ya bogosi, mme a supa gore fa motho a tlhoka go itshwara sentle, maemo a a a neetsweng a ka tsewa.
Kgosi Kegapetswe o supile fa kgosi a sa tshwanela go iphetisa dino kana go ikamanya le sepolotiki.
A re kapari ya kgosi e tshwanetse ya nna e e letlelesegang e bile bokgosi ba tshwanetse ba theogela ka dinako tsotlhe fa morafe o tlhoka thuso ya bone.
Kgosi Kegapetswe a re bokgosi ga ba a tshwanela go amogelela dimpho kwa bothokong, a gakolola fa kgosi a tshwanetse a ikela tlhoko fa a amogela dimpho gore a ga se tsela nngwe ya go mo reka.
Moedimedi wa bokgosana, Rre Bautlwamang Segwabe o supile fa Kgosi Tseleng a itshupile fa a na le bokgoni jwa go nna moeteledipele nako ya a eteletse komiti ya ditlhabololo pele.
Rre Segwabe o boletse fa therisano ya ga Kgosi Tseleng ka nako ya fa e le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo e ne e le ya maemo a a kwa godimo.
O supile fa mo tlholegong ka segabone, ka setso sa Sesarwa, kgosi a ne a sa tlhongwe, mme yo o motona mo morafeng, o ne a nna kgosi.
Kgosi Tseleng ene o tlhalositse fa go etelela batho pele e le tiro e e thata, go na le ba ba e tsaletsweng.
O lebogetse morafe wa Khwee tsotlhe tse ba di dirileng gore peo ya gagwe e atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : KHWEE
Event : Peo ya Kgosi
Date : 15 Mar 2023