Balemi ba kopa go thusediwa kwa Motokwe
14 Mar 2023
Modulasetilo wa komiti ya balemi ba kgaolo ya Motokwe Rre Kekgetheleng Molematsela o kopile ba lephata la bolemisi go sekaseka ka fa balemi ba kgaolo ya Motokwe mme ba beilwe masimo kwa ga Ngwaketse ba ka thusiwang ka teng go ba direla tiro motlhofo.
Rre Molematsela o buile jaana mo puisanyong le BOPA bosheng, a supa fa go na le balemi ba e leng banni ba Motokwe mme ba beilwe masimo kwa ga Ngwaketse, a re selo seo se ba pateletsa go ya go kopa dithuso kwa Morwamosu kana Mabutsane.
Modulasetilo a re selo seo se baya balemi bao ka fa mosing ka jaana ba tshwanelwa ke go ya go tsaya dipeo kwa Morwamosu mme ba felele ba sokodisiwa ke go di rwala ba di isa kwa masimong a bone.
Rre Molematsela a re ke balemi fela ba le lesome le bone ba ba beilweng ditshimo koo mme di pabile fela le Motokwe ka molelwane o feta gaufi le bone.
A re boraditerekere le ba ba lemang ka ditonki le bone ba a sokola ka dituelo tsa bone ka jaana ba tshwanelwa ke go ya Mabutsane go batla dituelo mme ba boa koo ba iphotlhere ka madi a felela mo dipalamong.
A re le fa go ntse jalo, e kile ya re go le pele ba sena go kopana le ba ofisi ya Letlhakeng ya balemisi ba kgona go ba thusa mme jaanong seemo se boetse gape kwa morago.
Modulasetilo a re mangwe mabaka a ba a supileng ke gore fa go dirwa kabo ya madi le dithuso tsa balemi ba isiwa kwa kgaolong ya Mabutsane kwa ga Ngwaketse go na le go thusiwa ke molemisi wa Motokwe mme seo se ba tshedisa bokete.
A re ka fa ntlheng ya leruo, barui ga ba sokole go bona dithuso mme kopo ke gore balemi le bone ba seka ba sokodisiwa ba tsewe ka tekatekanyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOTOKWE
Event : Puisanyo
Date : 14 Mar 2023