Pinagare ya Sekaka e kopa thotloetso mo setshabeng
14 Mar 2023
Mokgatlho wa Pinagare ya Sekaka o kopa thotloetso mo setshabeng gore o kgone go tshegetsa moletlo wa Polka mo ngwageng o o tlang, ka maiteko a go godisa le go somarela mmino o.
Maitiso a, a tlhokana le madi a a fetang P600 000, ka jalo kemo nokeng ya bagwebi, dikompone, khansele, ofisi ya mopalamente le maphata a a farologanyeng e botlhokwa go bona gore maitiso a, a a tsosolosang ngwao le go kopanya badiragatsi a a diragala.
Morotloetsi mogolo wa Pinagare ya Sekaka kwa Tsabong, Rre Mock Ntau o buile jaana kwa maitisong a a neng a tshwerwe bosheng mo setlhogong se se reng; Dipina le Mmino wa Polka Tsela ya Rona ya Botshelo. (Polka Music and Dance our Way of Life).
Moletlo o wa Polka o ne o tshologetswe ke bontsi jwa batho go tswa mo kgaolong eo, baagisanyi go tswa Afrika Borwa le metse e mengwe go itlosa bodutu le gone go lapolosa ditlhaloganyo.
A re morago ga go tsaya malebela mo go ba Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao mo dingwageng tse di fetileng, ba bonye fa jaanong e le nako ya go ipelega.
Rre Ntau yo gape e leng mokhanselara wa pele, fa a tlhalosa ka lekgotla leo, o boletse fa le kwadisitswe semmuso ka 2016 le maikaelelo a lone e leng go tshwaraganya bodiragatsi jwa merafe e e farologanyeng mo kgaolong eo le gone go tsosolosa le go sireletsa ngwao ya kgalagadi, e e nang le mebino, kopelo, dijo, kapari, diteme tse di farologanyeng mo go tse dingwe.
O boletse fa lekgotla le, le tlaa ba tswela mosola ka ba tlaa kgona go bua ka lentswe le le lengwe e le merafe e e farologanyeng ka tse di ba tshwenyang mabapi le go tsosolosa ngwao jaaka merafe e mengwe go itsa go nyelela ga ngwao mo kgaolong eo.
Rre Ntau o ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba tshwaraganye le ba Lephata la Banana, Bong Metshameko le Ngwao mo meletlong e e farologanyeng e akaretsa ya Khawa Dune Challenge, Polka Festival le e mengwe go kwatabolotsa mo go bone, selo se a supileng fa jaanong ngwaga o o tlang e le bone ba ba tlaa bong ba eteletse pele go tshegetsa meletlo eo.
O boletse fa go tshegetsa Polka Festival ngwaga le ngwaga go ofa badiragatsi sebaka sa go ithekisa mo setshabeng ka bodiragatsi e le kgwebo e ba ka itshetsang ka yone, le gone go tlhabolola matshelo a bone ka bontsi e bile e le banana ba ba sa berekeng.
Morotloetsi mogolo Rre Ntau o ne a gwetlha ditlhopha tsa badiragatsi ba mmino wa Polka go itsolopaganya ba o bina ka botswerere ka fa go tshwanetseng ka teng go tlhomamisa gore ga ba o tswakanye ka maikalelo a go o kgabisa ka o felela o latlhegelwa ke boleng.
O ne a supa fa dikeletso tsa bone e le go ya go ketekela moletlo oo kwa Bokspits, ka 2025 go laletsa baagisanyi, maikaelelo e le go laletsa ba mmino wa Polka o o fitlhelwang teng jaaka ba Namibia le Afrika Borwa go tla go tsaya malebela mo go bone ka jaana dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Festival
Date : 14 Mar 2023