Breaking News

Tiego ya ditsheko e a tshwenya

14 Mar 2023

Barui ba Kang ba lela ka tiego ya ditsheko tsa bogodu jwa leruo kwa makgotleng a ditsheko.

Modulasetilo wa komiti ya barui, Rre Alex Kwanyana  o  ntshitse ngongora e jaaka ba ne ba kopane mo phuthegong ya kgotla le tona wa Lephata la Itshireletso le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi kwa Kang bosheng.

Rre Kwanyana a re ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa leruo, mme go bonya gore dikgang tseo di rarabololwe kwa ga mmakaseterata.

O kopile puso go sekaseka lebaka le dikgang tsa bogodu jwa leruo le di tsayang, a re a di seka tsa tsaya sebaka sa dikgwedi tse thataro tsheko ise e atlholwe.

A re seemo se, se a ba babalela ka jaana ba bereka go itshupa fa pele ga lekgotla, mme go sena nko e e tswang lemina, ka jalo selo se se felele se ba kgoba marapo, mo mongongoregi a felelang a itlhoboga mme kgang e felele e tsholotswe.

Rre Kwanyana a re mo gongwe le bosupi bo felela bo senyega jaaka matlalo a felela a jewa ke tshwele.

O ne a kopa gore kgang ya go fa babelaelwa tetla ya go letela tsheko ba le kwa ntle, le yone e e tsengwe leitlho.

A re go lebega babelaelwa ba sa obamele ditshetlana tsa tetla eo, ka ba boa ba nna ba ipoeletsa seboaboane mo molatong.

O kopile gore go okediwe bodiredi jwa sepodisi go tlhotlhomisa dikgang tseo gore di kgone go dirwa mo nakong e e sa fediseng pelo. 

O tladitse ka go re ofisi ya sepodisi mo Kang e na le lepodisi le le itebagantseng le bogodu jwa leruo.

Barui ba ne ba tlatsa ka go re go busediwe lenaneo la go jesa dikgomo omang ka jaana ba re la manyena go motlhofo gore magodu a itsenyetse a bone.

Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Mmusi o ne a tlhalosa fa seemo sa bogodu jwa leruo go ralala lefatshe leno e se se se itumedisang. 

O ne a tlhalosa fa lephata le dira gotlhe go itepatepanya le seemo sa bogodu jwa leruo.

O ne a bua a sa kgale mathe gore bogodu jwa leruo fa go ka seke go itepatepanngwe le jone bo ka phutlhamisa itsholelo ya malwapa gammogo le ya lefatshe.

Rre Mmusi a re mo maitekong a bone a go lwantsha bogodu jwa leruo, ba tsere tshwetso ya go bula lephata le le feletseng le le itebagantseng le bogodu jwa leruo.

A re lephata leo, le tlaa bo le tlhomilwe mo diofising tsa sepodisi go ralala lefatshe leno, le roletswe didirisiwa gammogo le bodiredi jo bo rutetsweng tiro eo, e le tsela nngwe ya go ntsha maduo a a nametsang.

A re le fa puso e thubile lebelo go lwantsha borukutlhi jo, le setshaba se tshwanetse go tsenya letsogo go kopanela dikgang tse.

A re go nna le seabe ga setshaba, go mosola ka jaana go tlaa thusa go dibela serodumo sa thuo ya kgomo ga mmogo le go tlotlomatsa maiteko a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go tlhabolola thuo mo lefatsheng leno.

A re mo dikgannyeng tsa go fa babelaelwa tetla ya go letela tsheko kwa ntle, go mo dipuisanyong le ba lephata la bosekisi go bona gore kgang e, e ka fetisediwa kwa Palamenteng jang.

A re tshekatsheko ya molao, e tlaa bo e le go batla tharabololo ka go dira molao o a tlaa fang mmelaelwa le mongongoregi tshiamelo mo boikuelong jwa bone, go sena ope yo o reng molao o ba baya ka fa mosing.

Motshwarelela ramapodisi, Rre Phemelo Ramokorwane o tlhaloseditse barui fa mo molaong wa sepodisi, batlhotlhomisi ba kgang ba tlamega go tsaya dinepe mme ba di boloke go itsa go nyelela ga bosupi le gone go itsa gore dikgang di felele di tshololwa ka ntata ya tlhaelo ya bosupi.

Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla o ne a lebogela bokopano jwa ga tona le barui ka jaana a re go fa lephata tshiamelo ya go itseela dikgang ka botlalo mo baruing.

A re seo se tlaa thusa bogogi jwa lephata go atolosa dithuso go lebilwe dilelo tsa bone. 

O ne a gatelela gore banni ba Kgalagadi ba ikaegile ka kgomo jaanong go le maleba gore go gagamadiwe setoropo, e seng jalo lehuma le ka gatelela malwapa a le mantsi mo kgaolong.

Mme Monnakgotla o ne a supa fa bogodu jwa leruo bo kokonela barui ka jaana bangwe ba setse ba retelelwa ke go busa madi a kadimo a lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : KANG

Event : KGOTLA MEETING

Date : 14 Mar 2023