Monna o falotse ka bobi jwa segokgo
14 Mar 2023
Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro a falotseng leso ka bobi kwa segokgo morago ga go folosiwa mo godimo ga setlhare a leka go ikgapela botshelo kwa Tsabong ka Matlhatso.
Mo potsolotsong ka Mosupologo, mookamela mapodisi a Tsabong superintendent Christopher Tlhapi-David a re rre yoo, yo o tlholegang kwa Maubelo o ne a leka go ipolaya morago ga go tlhoka kutlwisisanyo le mokapelo wa gagwe.
A re bobedi jo bo ne ba ipega fa pele ga mapodise ka tshokologo ya letsatsi leo, ba supa fa ba tlhokile kutlwisisanyo mme ba agisanngwa, mme botlhe ba ne ba supa fa ba kgotsofetse.
Morago rre yoo a seka a tlhoka go itshwara sentle kwa lelwapeng la gabo mokapelo wa gagwe, a thuba lebotlolo la bojalwa a tsaya le thipa a re o batla mapodisi mme a tshosetsa gore fa ba sa tle o a itshega go ipolaya.
Superintendent Tlhapi-David a re mapodisi a ne a ragogela teng, ya re ba tsena a bua fa a batla mookamela mapodisi a Tsabong eseng jalo o a ipolaya.
Mapodisi a ne a leka go mo tshwara go mo isa kokelong ka ba ne ba lemoga fa a ka tswa a ne a gateletswe ke maikutlo mme a le botsa phokoje, a siela kwa morago ga kgotlana ya Herero mo Tsabong kwa a neng a palama setlhare a tshotse terata le thipa, a tswelela ka go kopa go kopana le Ramapodisi.
Mookamela Mapodisi a Tsabong o ne a tsibogela kopo, a ya kwa lefelong la tiragalo, mme a goroga go setse go le lefifi nako e setse e hapaanya borobabobedi mo maitseboeng.
Rre yoo a raya Ramapodisi a re o batla mopalamente le mokhanselara eseng jalo wa itiga a ipofeletse terata mo molaleng.
“Re ne ra bua le ene ra leka go mo reba maikutlo gore a fologe setlhare mme o ne a kgetla dikala tse di mitlwa tsa setlhare a re lwantsha ka tsone. Re ne ra bitsa ba setimamolelo go re thusa ka lere gore re palame mme maiteko otlhe a pala,” ga tlhalosa superintendent Tlhapi-David.
A re ba ne ba leka go mo folosa mme a ba betsa ka thupa a le kwa godimo ga setlhare sa mokala go ba itsa go mo atumela.
Mme e ne ya re morago ga bidiwa Rre mongwe go tla go rema setlhare seo mme seo sa thusa, rre yoo a folosiwa a isiwa kokelong.
Mookamela mapodisi a re rre yoo o kwa kokelong fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
A re go lemosega rre yo a se mo maemong aa siameng ka jalo go santse go emetswe pego go tswa kwa go ba kokelo e e tlaa fang mapodisi tsela ya gore o ka thusiwa jang mme fa a itekanetse sentle mo tlhaloganyong o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 14 Mar 2023