Breaking News

Ba rotloediwa go tlhagafala

13 Mar 2023

Kgosi David Toto II wa Tsabong o rotloeditse mokgatlho wa Masupatsela go tshwara ka natla go ikaga le go direla setshaba.

O buile jalo fa a ema baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified Senior Secondary School ka lefoko, mo tshimolodisong semmuso ya mokgatlho oo mo Tsabong ka Matlhatso.

Baithuti ba e leng maloko a masha a mokgatlho oo ba ne gape ba ipelela Africa Scout Day.

Kgosi Toto II a re mokgatlho oo ke mongwe wa e metona mo lefatsheng e e rotloetsang boitsholo jo bontle ka o ruta Botho jo Batswana ba tumileng ka jone lefatshe ka bophara.

O kopile maloko a masha a mokgatlho go somarela dithuto tsotlhe tse ba tlaa di anywang, mme ba di boloke gore di ba solegele molemo gammogo le morafe.

A re thuto ke konokono, mme ba dirise dithuto tseo go tsholetsa maduo a sekole seo a a kwa tlase mo nakong eno, le go rotloetsa bomonnaa bone go tsenelela mokgatlho oo ka o aga motho gore a nne sebopiwa se sesha fa a ne a na le boitsholo jo bo makgaphila.

O ne a rotloetsa baeteledipele ba mokgatlho oo gore go tsenngwe baithuti ka dipalo tse dintsi ka seo se ka thusa batsadi le barutabana go laola bana kwa malwapeng le mo sekoleng.

Kgosi Toto II a re o tshwenyegile ka maduo a a kwa tlase a dithuto, mme o solofela gore mokgatlho oo o tlaa jwala peo e e nonneng ka go thusa go tlhatlosa maduo mo kgaolong eo. 

O ne a kopa gore o anamisiwe le dikole tse dingwe ka o ka thusa le go lwantsha tiriso botlhaswa ya ditagi e e golelang kwa godimo mo dikoleng. 

O ne a solofetsa boeteledipele gore e le bagolo ba motse ba tlaa fa mokgatlho oo thotloetso e e tlhokegang.

Mookamedi wa masupatsela a Tsabong, yo gape e leng morutabana kwa sekoleng seo, Rre Lazarus Jurry o lebogetse botlhe go ba tshologa mokgosi fa mokgatlho wa Masupatsela wa ntlha o tlhongwa mo Tsabong, a supa gore mokgatlho oo o ipelela Africa Scout Day, mme ba lesego go simolola mokgatlho o mosha ka nako eo.

A re maduo a thuto a santse a le kwa tlase mme mokgatlho oo o tlaa thusa gore baithuti ba nne le boitshwaro jo bontle mabapi le dithuto jo bo tlaa thusang go tokafatsa maduo, mme e le moeteledipele wa mokgatlho oo mo kgaolong o tlaa tlhomamisa gore seo se a diragala.

Morutabana Jurry o ne gape a supa gore baithuti ba filwe dibalamakgolo go ithuta ka tsone, ka jalo e le Masupatsela ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba a dirisa sentle mo dithutong. 

A re go lemosegile fa baithuti bangwe ba sa a dirise sentle ka nako ya thuto, ka ba lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego mo teng go na le go ithuta, mme ba tlaa tsenya leitlho thata go ba supegetsa tsela.

Moetelepele wa mokgatlho wa Masupatsela mo Botswana, Rre Masego Pamane a re mokgatlho oo o aname lefatshe ka bophara mme e bile o wela mo mekgatlhong e merataro e metona mo lefatsheng. 

A re mafatshe a tsweletse ka go tsenelela mokgatlho oo, selo se a reng se supa kgolo. 

Rre Pamane a re Masupatsela ke mokgatlho wa boithaopi o maikaelelo a one e leng go aga motho go nna le boitshwaro jo bontle. 

A re e re ka lore lo ojwa lo sale metsi, ba tsweletse ka go ngoka banana go o tsenelela. 

A re mokgatlho oo o rotloetsa maloko go rata lefatshe la one, ba eteleditse boitsholo kwa pele.

Gape a re o rotloetsa gore bana ba ithute go tshela sentle le ba bangwe. 

Godimo ga seo, a re mokgatlho o rotloetsa botsogo jo bo siameng go itsa go tsenwa ke malwetse ka go nna ba itshidila nako le nako. 

Gape a re ba rotloetsa thuto le tlhabologo mme ba a tle ba ithaope go rutuntsha baithuti, le gone go rotloetsa maloko go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba.

Rre Pamane a re mokgatlho oo o ikamanya le ditshetlana tsa lekgotla la mafatshefatshe la United Nations tsa Sustainable Development Goals. 

Ka jalo a kopa batsadi go rotloetsa banana go tsena mokgatlho o ka dipalo tse di kwa godimo.   

Mogolwane wa Lephata la Thuto le Tlhabololo dikitso mo Tsabong, Mme Ziporrah Mapange ene o rotloeditse maloko go tshwara ka natla mo dithutong tsa bone.

 A re e le ba lephata la thuto ba itlamile go rutuntsha baithuti ka maranyane. 

Ka jalo a re banana ba tshwanetse ba atlarela thuto ka tsoo-pedi go tlhabolola matshelo a bone mo isagong.

A re ba solofela go le gontsi mo Masupatseleng gore ba nne le boitshwaro jo bontle, ba rotloetse tolamo, kagiso, thitibalo le pabalesego, gape ba nne pelokgale, ba rotloetse tshireletsego mme e bile ba seka ba swabisa maikano a bone a ba a tsereng mo letsatsing leo, ba a diragatse ka botswapelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Kaloso

Date : 13 Mar 2023