Mogokgo o itumelela maduo
12 Mar 2023
Ntswa sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume se sa kgona go fitlhelela seelo se se beilweng ke ba lephata la thuto, boeteledipele bo itumeletse tokafalo mo maduong a baithuti ba lekwalo la boraro fa go tshwantshanngwa le a ngogola.
Sekole se kgonne go dira botoka thata ka mo dikoleng tse di lesome le bobedi tsa kgaolo ya Tutume di le mo maemong a boraro, mme ba di eteletse pele mo dithutong tsa maranyane.
Mogokgo wa sekole se, Rre Boynyana Siwela o boletse jaana kwa phuthegong ya batsadi le barutabana ba sekole seo bosheng.
O ne a tlhalosa fa moithuti a le mongwe a tsere letshwao la A, ba le lesome le botlhano ba tsere B, fa ba ba tsereng C ba le masome matlhano.
Mogokgo o ne a bolela fa baithuti bangwe ba basimane ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng, selo se se itayang ba ba tlhoafetseng tsebe.
A re ba thuba dithoto tsa sekole, ba goga ditagi le go lwa dintwa tse di felelang ka dikgobalo. Rre Siwela a re ba leka go ba busetsa mo tseleng, mme a kopa tirisanyo mmogo le batsadi. O ne gape a lela ka tlhaelo ya matlo a borutelo, ditilo le ditafole, a bolela fa palo ya baithuti e oketsegile.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tiro e santse e le ntsi ka teko e ba e dirileng e supa fa maduo a le kwa tlase, ka jalo a kopa batsadi go tsenya letsogo go leka go tokafatsa seemo.
Batsadi ba ba neng ba tsene bokopano joo ba ne ba tshepisa mogokgo fa ba tlaa tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.
Ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke mokgwa wa barutabana ba ba laelang baithuti go adima dibuka mo ditlhopheng tse dingwe tsa baithuti go kopa mekwalo, mme bone baithuti bao ba le kwa morago mo dithutong tseo.
Ba supa fa se, se na le seabe mo kwelo tlaseng ya maduo ka baithuti ba sa rutwe kgotsa ba tlhalosediwa se ba se kopolotseng. End
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : PTA
Date : 12 Mar 2023