Bomme ba tshwara thipa ka fa bogaleng
12 Mar 2023
Bomme ba kgothaditswe go lepalepana le diemo tse di ba lebanyeng le gone go tsenya dithuto mo go ba ba saletseng kwa morago gore ba kgone tsotlhe tse ba di eletsang.
Go itshekatsheka jalo go tlaa ba thusa go lemoga se se bakileng pharologanyo fa gare ga bomme le borre, selo se se ka ba thusang go ya pele.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya bong kwa Molepolole Mme Tlamelo Obotseng, o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela bomme kwa motseng wa Takatokwane ka Labotlhano.
Kgosi Visco Tsiane wa Takatokwane o ne a re bomme ba tshware ka thata mo malwapeng ka go tlhokomela ba malwapa a bone, a supa fa lelwapa le le nang le mme e nna lelwapa la motia.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa tiro eo, Mme Peolwane Modisaotsile, o ne a akgolela bomme ba motse oo go tsena letsatsi leo ka mashetla.
Mme Modisaotsile o ne a tlhalosa gore ntswa bomme ba na le dikgwetlho tsa botshelo, ba tshwanetse go netefatsa gore ba tlogelela bana motlhala o o siameng.
O tlhalositse fa bomme ba ngongoregela gore ga ba ate, ka jaana bana ba bone ba bolawa ka tsa marato, a re ba eletsa gore go okediwe kotlhao ya batho ba ba bolayang ba bangwe le ba ba thubetsang.
Mme Modisaotsile o supile gape gore ba eletsa gore fa motho a sena go bolaya yo mongwe, a seka a emela tsheko kwa ntle, ka jaana ba tshabelelwa ke go feta ba bolaya ba bangwe gape.
O tlhalositse gape fa ba ba bolaetsweng bana, ba a bo ba santse ba utlwile botlhoko mo go feteletseng, mme fa modira molato a bulelwa go letela tsheko kwa ntle, go ba okeletsa bohutsana.
A re bomme ba tshwere boima jwa go tlhokomela bana, mme kwa kgotleng kgolo ya ditsheko fa ba pegile borre go ba thusa go tlhokomela bana ba bone, ba kgona go atlholwa madi a mannye jaaka P300, mme a le mannye fela thata go tlhokomela ngwana ka botshelo bo turela pele.
Mme Modisaotsile o ne a tlhalosa gape fa ba kopa gore ba nne le karolo mo setlankaneng sa tshipi ya dikgomo, le gore ba kgone go nna le seabe mo go rekiseng dikgomo ka jaana borre ba na le go nyeletsa madi a dikgomo fa ba rekisitse.
Bomme ba kopile gape gore fa rre a ise a tlhokomele ngwana gotlhelele, e bo e re a sena go gola a bo a mmatla, a lefisiwe madi a go simolola jaaka ngwana yoo a ne a tsholwa go fitlhela a nna monna kana mosadi, le gore kgang eo e seka ya sekwa kwa go mmakaseterata e ye kwa lekgotleng la Setswana.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya ditirelo tsa AIDS Rre Kennedy Dintwe o ne a supa fa kgokgontsho e le mmaba e bile e jwelelela, a supa gape fa e le maitsholo a motho a a maswe a a dirwang ka maikaelelo
Rre Dintwe o ne a supa fa mefuta ya kgokgontsho e le mentsi, wa ntlha e le kgokgontsho ya dititeo mme e dirwa thata ke borre mo go bomme.
O tlhalositse fa kgokgontsho ya bong e kgona go dirwa ke bomme ba kgokgontsha bana, fela ka gore ba na le bothata le borraa bone.
Mogolwane o tlhalositse gape fa mofuta o mongwe e le wa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo, a supa fa bana ba tswa mo dikoleng ba ima ba le bannye, mme gantsi ba imisiwa ke borre ba batona.
O supile fa kgokgontsho e nngwe e le ya madi, a supa fa bana ba kgokgontsha bagolo ka madi a bogodi.
Rre Dintwe o ne a tlhalosa fa mofuta o mongwe e le kgokgontsho ya maikutlo, mme kgokgontsho e gantsi e dirwa ke bomme. O tlhalositse fa bomme ba raya borre le bana dipuo tse di masisi.
Mothusa molaodi kwa kgaolong ya Letlhakeng Mme Kelebileone Mogome o supile fa letsatsi le, le le botlhokwa thata, a re bomme ba ne ba sa kgweetse dikoloi maloba jale, mme gompieno ba di kgweetsa.
O tlhalositse gape fa bomme ba tshwanetse go nna le diphitlhelelo tse borre ba nang le tsone, gore ba nne le monyetla botlhe, a kopa bomme go rotloetsana go na le go kgobana ka mafoko.
Mme Mogome gape a re go kaiwa fa bana ba fera bobedi ba kgokgontshitswe ka tsa tlhakanelo dikobo kwa Takatokwane.
O ne a akgola borre ba ba neng ba tsenye moletlo oo, a supa fa ba na le boikarabelo.
Mothusa molaodi o ne a supa gape fa bomme ba ipeile ka fa mosing mo go tsa maranyane ka ntlha ya boima jo ba bo rweleng, a ba kopa go tsena mo go tsa maranyane go bapatsa dikgwebo tsa bone tse dipotlana gore ba kgone go gola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : Letsatsi la bomme
Date : 12 Mar 2023