'Kgosi thotobolo e olela matlakala
12 Mar 2023
Tiro ya kgosi ke go bopaganya morafe le go tsaya batho ka tekatekanyo go dibela kagiso mo motseng, ka jalo e tlhoka motho yo o nonofileng go emela diemo tsotlhe.
Tiro e, e tlhalositswe e le thata, bogolo jang ka kgosi e etelela pele batho ba ba farologaneng le ka megopolo tota, ka jalo kgosi e le ya botlhe.
Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o buile jalo fa a tlhomamisa kgosana ya Khonkhwa, Kgosi Motlhofo Tlhakore ka Laboraro, yo o tsenang mo setilong seo morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ebong Kgosi Kose Kebuang ka 2021.
Kgosi Letshabo a re ntswa go ne go na le bangwe ba ba neng ba supa bogosi jwa motse oo bo ba lebaganye, go botlhokwa gore Kgosi Tlhakore a phuthe morafe o nne mogopolo mongwefela gore ba kgone go tsweledisa ditiro tsa motse.
“Nako ya fa re tsile kwano, go ne go na le ba ba neng ba supa bogosi bo ba tshwanetse, mme bontsi bo supile Rre Motlhofo Tlhakore, ka jalo ga dirwa thulaganyo yotlhe go fitlhelela tona a ntsha mokwalo o o rurifatsang dikeletso tsa lona.
Jaanong, jaaka e le wena morafe o go supileng, ke kopa gore o ba etelele pele ka lorato le kagiso, o tlogele tse di diragetseng kwa morago.
O ba tsee ka tekatekanyo, le ba ba neng ba sa go tlhopha.”
Mo godimo ga moo, Kgosi Letshabo o ne a rotloetsa Kgosi Tlhakore gore a tshwaragane le morafe go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng motse oo kobo ka letshoba.
A re jaaka e le mosireletsi wa setshaba, a tsee maikarabelo a go etelela morafe wa gagwe pele go fedisa borukutlhi.
E rile a iteela mafoko ao kobo moroko, moemela kgosi kwa Mabutsane, Kgosi Kgakgamatso Moletsane a gakolola Kgosi Tlhakore go sala motlhala wa ga rraagwe morago gore a sireletse serodumo sa bogosi.
A re bogosi bo tshwanetse jwa tlotlwa, mme gape bo dirisanya le morafe ka tlotlo go sena maikgantsho.
“Dira le morafe o fela sentle o tshwaragane le one, ba go gakolole ka fa ba go gakololang ka teng, le wena o ba gakolole ka fa o ba gakololang ka teng.
O seka wa ba nyatsa, e bile o seka wa rwala bogosi ka magetla.”
Kgosi Moletsane o ne gape a kgothatsa Kgosi Tlhakore go fokotsa ditsala le gone go nyala, a tlhalosa fa kgosi a nna le seriti ka mosadi.
Banni ba motse oo, ba ne ba amogela go tlhomamisiwa ga kgosi, ba supa fa ba tlaa bereka le ene go tlhabolola motse.
Mongwe wa bone, Rre Nyatsego Tlhakore o ne a supa fa ba lebogetse go bo ba tlhomamiseditswe moeteledipele morago ga gore ba sotlege ka sebaka.
Le fa go ntse jalo, o ne a tsibosa Kgosi Tlhakore gore o tsene mo maemong a matona a rraagwe a neng a a tshwere ka manontlhotlho.
“Rwala ditlhako tsa ga rrago, o tsee batho ka go lekana jaaka a ne a dira.
O kgosi ya batho botlhe, o tsile go bereka tiro ya lefatshe la Botswana ka bophara.”
Rre Gabolekane Nteba ene o ne a mo rotloetsa gore a itsetsepele mo tirong ya gagwe ka jaana e na le dikgwetlho.
“Bogosi ke tiro e e thata, bangwe ba tlaa bua dipuo, bangwe ba leke go go ntsha mo tseleng, mme o itsetsepele.
Le fa ba ka go fosetsa, o tshware maikutlo, o dibele kagiso.”
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Tlhakore o ne a lebogela banni ba motse oo go bo ba bone a tshwanelwa ke go etelela pele motse wa bone.
O ne a kopa gore ba dire mmogo ba tshwaraganele go tlhabolola motse. BOPA
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KHONKHWA
Event : Kgotla meeting
Date : 12 Mar 2023