Breaking News

Noka ya Molabe sekgoreletsi kwa Tobane le Tshokwe

09 Mar 2023

E re ntswa balemi le barui ba nona dipelo ka mathe fa dipula di na,  paka ya dipula ke sekaku mo go bangwe jaaka mo banning ba metse ya Tshokwe le Tobane, ba ba reng dipula di emisa matshelo a bone.

Fa go le dipula, banni ba, ga ba  kgone go bona ditirelo, ka noka ya Molabe e e kgaoganyang metse ya bone, e ba itsa go ka kgabaganyetsa ntlheng e nngwe fa e ela.

Malabe ke nngwe ya dinoka tse di tona mo kgaolong ya Mmadinare.

Banni ba Tshokwe le Tobane ba e tlola go ya go tlhola leruo kana go bona ba bongaka.

Pele o goroga kwa Tshokwe o tswa Tobane, o tlola noka e tona ya Motloutse ebe o tlola ya Molabe go goroga kwa Tshokwe.

Go tlola noka ya Motloutse go bonolo ka  puso e kgonne go aga  borogo mo go yone, mme kgwetlho e nne go tlola noka ya Molabe ka go sena borogo kana motshelakgabo. “Seemo se ga se re jese diwelang ka gore re tsaya ditlamelo tse dintsi kwa Selebi Phikwe le mafelo a mangwe,” ga bua Kgosi ya Tshokwe Kgosi Itumeleng Pelotona mo potsolotsong bosheng. Kgosi Pelotona o supile fa ba tsaya ditlamelo tsotlhe tsa botsogo kwa Selebi Phikwe mme ka ntlha ya seemo sa metsi bangwe ba felela ba paletswe ke go ya go kopa thuso.

A re jaaka dipula di tsweletse ka go na ba patelesega go dirisa tsela e e dikologang, selo se se dirang gore go nne turu.

Tsela e feta ka motse wa Robelela e bo e feta ka Mmadinare sekgele sa dikhilomethara tse di masome a supa le bone, selo se kgosi a tlhalosang fa se se ba jela nako gape ba dirisa madi a mantsi.

Kgosi a re e ne ya re mo ngwageng o o fetileng go ne ga nna le beng ba dikoloi tsa setshaba ba ba neng ba ithaopa go rwala setshaba mme ka ntlha ya seemo se le bone ba simolotse go lapa dipelo, ka gore fa dipula di nele kgwebo e a ema go fitlhelela metsi a kgala.

A re seemo se se dira gore ba seka ba akola meamuso e batho ba metse e mengwe ba e bonang e bile se dia motse wa bone go tlhabologa.  E re ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong Kgosi Pelotona a re ba solofela gore motlha mongwe ba tlaa tsenyediwa borogo go nolofatsa matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : TSHOKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 Mar 2023