Breaking News

Bomme ba le babedi ba tshwerwe

09 Mar 2023

Mapodisi a Ghanzi a tshegeditse bomme ba le babedi go ba botsolotsa mabapi le  tiragalo e mo go yone monna wa  dingwaga tse di masome mararo le motso a fitlhetsweng a rapaletse mo tseleng kwa kgotleng ya Mereting kwa Ghanzi.

Mogolwane wa mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone o boletse mo potsolosong gore tiragalo eo, ene ya begwa ke mme mongwe yo a neng a feta ka tsela ka nako ya masome a mararo morago ga botlhano maitseboa Mopitlo e tlhola gabedi. Superintendent Lekone o ne a tlhalosa gore rre yoo, o ne a selwa ke bangwe pele ga mapodise a goroga kwa lefelong la tiragalo, mme ba mo isa sepatela kwa dingaka di neng tsa tlhalosa fa a setse a tlhokafetse. Moswi o ne a na le ntho mo letsogong la molema. Superintendent Lekone o boletse gore bomme bao ke motho le mogolwe, ba dingwaga tse di masome mabedi le bofera bobedi le tse di masome a mararo le bofera bongwe.

O tlhalositse gore ba santse ba tlhotlhomisa gore a madi a fitlhetsweng mo fensetereng ya ntlo kwa bomme bao ba nnang teng le madi a a fitlhetsweng kwa moswi a neng a rapalatse teng a a tsamaelana.

A re dipelaelo ke gore gone ga nna le ntwa kwa ntlong ya bomme bao, ka go fithetswe dilwana mo ntlong di tlhakatlhakane le fensetere e thubegile e bile e na le madi.

Superintendent Lekone o kopile gore ope yoo itseng ka tiragalo eo a ikgolaganye le mapodisi a Ghanzi ka bofefo. BOKHUTLO

Source : Mothusi Galekhutle

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : POTSOLOTSO

Date : 09 Mar 2023