Se manololeng tiro ya ba bangwe
19 Nov 2013
Badiragatsi ba metshameko ga ba a tshwanela go manolola dipina tsa badiragatsi ba bangwe jaaka di ntse.
Se se builwe ke moatlhodi mo dikgaisanong tsa badiragatsi, Rre Warona Ramaribana, tse di neng di tshwerwe mo Palapye bosheng. Rre Ramaribana a re badiragatsi fa ba dirisa dipina tsa diopedi mo metshamekong, ga ba tshwanela go opela dipina tseo mo dikgaisanong jaaka di ntse ka gore di sireletsegile.
A re fa o dirisa pina ya seopedi se sengwe go dira madi ga go maleba, ka jalo batshameki ba tshwanetse go dirisa dipina tse ba di itlhametseng. A re batshameki ba tshwanetse go nolofatsa puo ya bone go itsa mafoko mangwe a a ka fatlhang.
O ile gape a supa maitemogelo a gagwe mo metshamekong e e fetileng, a supa fa mo ditlhopheng dingwe, batshameki ba ne ba keteka ba bangwe thata; se a supileng e se sone, e bile se sa letlelelwe ka fa molaong wa bodiragatsi.
Fa a tswa la gagwe Mme Precious Ofentse, yo le ene e neng ele moatlhodi, o ngongoregetse boleng jwa mmino wa Setswana o o neng o opelwa ke ditlhopha tsa mmino wa Setso tsa motse o.
O ne a tshwaela ka gore boleng jwa mmino wa Setswana bo wela tlase ka gore ditlhopha ga di ise di tlhaloganye sentle mebino e. O kaile fa mmino wa tsutsube o farologana thata le wa setapa, a re le diatla tsa teng ga di opiwe ka go tshwana gammogo le letlhowa la teng, ga le lele ka go tshwana.
O rotloeditse ditlhopha go batlisisa ka mebino e ka go etela mafelo a mebino e e tlholegang teng, go bona ka fa e binwang ka teng. A re o lemogile fa ditlhopha tsa mmino wa Setswana di ne di tlhakanya mmino wa tsutsube le wa setapa ntswa maikaelelo ene ele go bina tsutsube.
O supile fa a tshwentswe thata ke mmino wa dikhwaere, yo a reng o tshwanetse go opelwa ka mantswe a a looditsweng, e bile a rotloetsa bomme ba ba tsayang karolo mo dikhwaereng go apara sentle gore ba seka ba sokola fa ba bina.
Le fa go ntse jalo, Khwaere Metuka go tswa kwa Madiba e ile ya ikgapela madi a kanang ka P8 000 fa Dinganga go tswa Khurumela e ne ya ba loma serota ka P6 000. Mo Katareng, Michael Monang le Baleseng Seganele go tswa Serorome le Mmaphula ba ile ba ikgapela maemo a ntlha le a bobedi ka tatelano.
Mo mminong wa Setswana, Semane go tswa Boikago le Poko Setso go tswa kwa Serorome di ile tsa ikgapela maemo a ntlha le a bobedi ka tatelano; fa Kgaogano Nyamazabo go tswa Mmaphula a tsere sekgele mo baletsing ba setinkane. Nametsegang Lekwapa le Kaone Kebenne ba Khurumela le Serorome bone ba tsere maemo a ntlha le a bobedi ka tatelano mo go letseng segaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Dikgaisano tsa bodiragatsi
Date : 19 Nov 2013






