Breaking News

Ba lebogelwa mowa wa bopelotlhomogi

19 Nov 2013

Kgosi Edwin Ramokobetwane wa Khudumelapye o akgoletse badiri ba lephata la kanoko lefatshe go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba tlhokileng lesego.

O buile seo bosheng jaaka a ne a amogela diaparo le melora e e neng e fiwa ba ba tlhokileng lesego mo kgotleng ya motse oo. Kgosi Ramokobetwane o supile fa gole botlhokwa gore Batswana ba ba tshwereng ka diatla le makgotla a a ikemetseng a thuse puso ka go e ema nokeng ba ba kobodimagetleng.

O ne gape a supa fa lephata leo le dirile go tlala ka diatla ka le diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe ya ngwaga wa 2016, ya tshaba e e kutlwelobotlhoko, e bile e kgathala ka batho ba yone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Ramokobetwane o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke batho ba e reng ba fiwa dithuso ba bo ba di dirisa botlhaswa; ka go di rekisa kana go sa di tlhokomela.

O tsweletse ka go gakolola botlhe ba ba neng ba fiwa diaparo le melora go di tshwara sentle ka lorato. Fa a tswa la gagwe modiri wa lephata leo, Mme Thoromo Sebafe, o supile fa dithuso tse ba di ntsha ngwaga le ngwaga ka go kokoanya madi le diaparo.

A re fa lephata la bone le tlhamile komiti e e itebagantseng le botsogo jwa babereki e e rulaganyetsang dithuso tsa go nna jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo-dimpho

Date : 19 Nov 2013