Ditagi di a leswafatsa
19 Nov 2013
Mopalamente wa Kweneng Botlhaba, Major General Moeng Pheto o gakolotse banana go ikgapha mo ditaging, a tlhalosa fa di leswafatsa setho e bile di digela itsholelo ya lefatsheng kwa tlase.
Mopalamente Pheto a re badirisi ba diritibatsi le banwi ba ditagi fa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya tsone ba na le go latlhegelwa ke botho e bile ba mabole a gaufi; mo go ka feletsang go tsisa khutsafalo, dipolaano le go thubega ga malwapa.
Fa a bua mo boemong jwa mopalamente wa Gaborone Bokone Bophirima, Rre Robert Masitara, Maj. Gen. Pheto o ne a gakolola banana go tila go ikamanya le ditlhopha tse di duleng mo tseleng, mme a kopa batsadi go ruta bana ba bone molao oo tlhamaletseng.
O buile jalo kwa thuto-kanamisong ya bodiphatsa jwa bojalwa le ditagi e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi, badisa magolegwa le sepatela sa Scottish Livingstone kwa Hatsalatladi.
Mopalamente Pheto o tlhalositse fa moremogolo go betlwa wa taola mme wa motho one o ipetla, a kgothatsa banana go inaakanya le mananeo a puso go tswa mo mebileng gore ba nne le bokamoso jo bo eletsegang.
A re go botlhokwa go ikgapha mo ditirong tse di ka isang thaelong, a tlhalosa fa ditagi di kgona go dira gore motho a latlhegelwe ke tlhaloganyo mme a bone dilo tse di seong a bo a feletsa a dira molato.
“Ke tlaa fa sekai ka mosadi wa kwa Canada yo o neng a bolaile lesea la gagwe ka thipa a tlhalosa fa a ne a iphemela mo bereng e e neng ere e a mo tlhasela,” Mopalamente Pheto a tlatsa. F
a a tswa la gagwe, Inspector Motsamai Mabeka wa sepodise sa Molepolole o ne a ntsha matshwenyego a gore batsadi ba repisitse thata mo go godisetseng bana bone ka fa molaong; lebaka ele gore ba re bana ba na le ditshwanelo.
Inspector Mabeka o ne a bolela fa ofisi ya bone e gatisitse melato e e amanang le bojalwa le ditagi ele lesome le botlhano mo kgweding ya Phalane monongwaga, fa mo go ya Lwetse ba gatisitse ele lesome le bobedi, kwa Molepolole.
A re o belaela se se ka tswa se bakwa ke go bo re labile go tsena mo malatsing a botsalo jwa Morena. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa gore tirasano mmogo le lorato di rene fa gare ga baagisanyi go thusa go lwantsha diemo tse.
Inspector Mabeka o ne gape a gakolola bagwebi ba bojalwa go obamela dinako tsa thekiso, a tlhalosa fa mogwebi a ka tseelwa teseletso ya thekiso fa a ka tshwarwa go feta gabedi a ikgatholosa molao.
Mongwe wa banana ba ba neng tsene thuto-kanamiso eo, Momphitlhi Lerite, o akgoletse puso mananeo a metshemeko, a supa fa seemo sa nnotagi se se neng se ile magoletsa mo motseng wa bone se ne se tlhotlhelediwa ke go tlhoka mafelo a itloso bodutu.
Lerite a re fa e sale dinako tsa thekiso ya bojalwa di fokodiwa le go emisiwa ga thekiso ya jone mo malwapeng seemo se tokafetse.A re banana ba motse wa bone ba fokoditse go nwa e bile ba itse fa go itlosiwa bodutu ka kgwele ya dinao e e setseng e na le ditlhopha di le supa, le ya kgwele ya diatla e e nang le ditlhopha di le tharo.
Lerite o ne a konela ka go kopa gore puso e ba thuse ka go ba direla mabala a kgwele ya dinao ka a a teng a le palo potlana e bile ba wela dingalo go ka a dirisa botlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 19 Nov 2013






