Breaking News

Ba kgalelwa go nna maoto a tshupa

19 Nov 2013

Banni ba Jackalas I ba kgaletswe go sa tla ka dipalo tse di kwa godimo kwa moletlong wa pulo semmuso wa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone.

Fa a bua mo boemong jwa ga Rre Samson Guma yo a leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, modiri kwa ofisisng ya mopalamente, Rre Mpaphi Zibochwa o ne a supa fa go swabisa go bo tshologelo ya morafe e sa nna e e kalo kwa tirong eo.

A re go sa tla ka bontsi ga banni kwa tirong eo e e neng e tshwerwe ka Matlhatso go a tlhobaetsa ka go ka fa ba sesole sa Botswana ba ba neng ba ba abela dikago tseo kakanyo ya gore  ga baa  itumelela thuso ya bone.

Rre Zibochwa o ne a tlhalosa fa go agwa le go abiwa ga dikago tseo e le sesupo sa ka fa sesole sa lefatshe leno se kgathalang ka matshelo a batho ka teng.

A re tiro e ba e dirileng ka go atolosa kokelwana ya motse oo ga e gakgamatse ka makalana a a farologaneng a sesole sa Botswana a nna gangwe le gape a otlolola letsogo go thusa setshaba le go fokoletsa ba ba tlhokileng lesego manokonoko a botshelo.

Rre Zibochwa o ne a gwetlha makalana a mangwe a puso le a a ikemetseng go ikitaa ka thupana go thusa puso mokgweleo wa go tlamela Batswana ba ba nang le letlhoko. E ne e rile go le pele a amogela kokoano e e neng e tsene moletlo oo, Kgosi Tapson Jackalas a phophotha legetla ba sesole sa Botswana ka tiro e ntle a ba e diretseng morafe wa gagwe.

A re go a itumedisa go bo ba ne ba seka ba lelala puso gore ke yone e ba thuse go dira tiro eo, mme ba ne ba itlhotlhora dikgetsi go thusa banni ba motse wa gagwe.

Kgosi Jackalas o ne a ba lebogela seabe sa bone mo go thuseng lefatshe leno go gagabela kwa maitlamong a lone a gore e re ka ngwaga wa 2016 Batswana e bo e le tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathalelana.

Fa a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa sesoleng kwa Francistown, Lieutenant Colonel Nicholas Motswagole, o ne a supa fa ba tseetse kwa godimo mokgosi o puso e o tlhabileng wa gore Batswana ba nne tshaba e e tshegetsanang.

A re e re ka mo sesoleng dikgang tsa botsogo di tsewa ka tlhwaafalo ka temogo ya fa lesole le le sa tsogang sentle le ka seke le kgone go dira tiro ya lone ka botswerere, ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba rotloetse botsogo jwa setshaba ka go thusa go tokafatsa go abiwa ga ditirelo tsa botsogo.

Fa a gatelela masisi a ba tsaang dikgang tsa botsogo ka one, Lt. Col Motswagole o ne a supa gape fa ba diretse kokelwana ya motse oo tshingwana ya merogo.

A re ba lemogile fa go amogelela ditirelo fa go siameng, ga mmogo le go ja dijo tse di rileng go na le seabe se setona mo go nneng le botsogo jo bo eletsegang.

Lt Col Motswagole o tlhalositse gape gore e re le ntswa maikaelelo a bone kwa tshimologong e ne e le go agela motlhoki ntlo ya bonno, go sa nna teng ga motho yo o neng a tlhoka thuso ya mothale oo mo motseng go ne ga ba fa sebaka sa go dira tiro e e sologelang botlhe molemo mo motseng.

Mogolwane wa tsa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mme Matildah Tema le ene o ne a iteela legofi bobelotlhomogi jwa masole. A re diphaposi tse tharo tsa motlaleletsa  tse di agilweng ke ba sesole di nolofaditse go menagane go abiwa ga ditirelo tsa botsogo mo kokelwaneng ya motse oo.

A re pele ga kago eo, ditirelo di tshwana le go kala bana di ne di direlwa kwa ntle, fa balwetse le baimana ba ne ba fapaanela phaposi e le nngwe.
Tshingwana ya merogo yone o ne a supa fa e tlaa thusa thata mo thulaganyong ya go fepa bana ba ba tlhaelang dikotla.

Mme Tema o ne a tlhomamisetsa batsena-tiro eo fa ba botsogo ba tshwaragane le bogogi jwa motse ba tlaa dira ka natla go tlhokomela dikago tseo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : JACKALAS 1

Event : Pulo semmuso ya kokelwana

Date : 19 Nov 2013