Breaking News

Tshwaragano le tumelo ke konokono

20 Nov 2013

Ba Evangelical Religious Protestant Unity Church ba lemotshitswe fa tshwaragano, tumelo le neelano di ka thusa mo kagong ya kereke, e seng madi a mantsi fela jaaka go atle go bolelwe.

Se se boletswe ke Moaposetoloi Oabile Sedio wa Full Life Ministries ka Sontaga kwa moletlong wa thobo, o o neng o itebagantse le kago e ntsha ya kereke eo.

Moaposetoli Sedio a re kereke e agiwa ka tumelo, ebile e tlhoka borre le bomme ba ba ititeileng dihuba. A re tiro ya Modimo e dirwa ka neelano; a kaya gore fa yo mongwe a suta go tlhoka gore yo o setseng a tsweledise.

A re mookamimogolo wa pele wa kereke e o dirile tiro ka botlalo, ka gobo a kopile setsha se se tona, se le bone ba ka kgonang go aga mo go sone ka phuthologo.

Rre Sedio a re selo sengwe se se tshwenyang ke gore baphuthegi ka bontsi ga ba tshephe baruti ba dikereke tsa bone, mo ba kopang dithapelo mo dikerekeng di sele.

A re fa motho a sa kgone go fodisiwa ke merapelo ya baruti ba gagwe ga a kake a kgona go fodisiwa ke sepe; a re tota motho o fodisiwa ke tumelo ya gagwe.  Fa a leboga mo boemong jwa ba kereke, mokhanselara wa pele, Rre Nelson Rowland, o ne a re gore ba kgone ke gore ba eme ka dinao botlhe.

Rre Rowland a re fa phuthego e ka sala mafoko a ga Rre Sedio morago ba ka kgona se ba se ikaeletseng. O ne a ba kopa go tswelela ba tshwaragane, a re go seka ga nna le ope yo o siang; a supa fa go le molemo go siela kwa Modimong. O ne a wetsa ka go kopa phuthego go rapedisa kago ya kereke ya bone gore e wele.

Madi otlhe a a dirilweng ka thobo e a ne a ka tshwara P91429.35.  Madi a a dirilwe ke ditlhopha mo kerekeng ka go farologana, go balelwa sa bomme, bana ba sekolo sa tshipi, borre, banana, komiti ya kereke, le dikgaolo ka go farologana mo kerekeng.

Le fa thobo e ne ele ya phuthego ya Kanye, go ne go laleditswe le diphuthego tsa kereke e go tswa Gaborone le Lobatse. Diphuthego tse dingwe e ne e le ya UCCSA le ya Methodist go tswa mo Kanye, ba le bone ba neng ba tsentse letsogo mo tirong e.

Monngwe wa banana ba kereke e Mme Maroba Matlhare o ne a abela kereke P2 000 fa Rre Lesego Motsumi wa kereke ya Methodist ene a ne a solofetsa kereke eo dikgetsi di le supa tsa semente. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Moletlo wa thobo

Date : 20 Nov 2013