Breaking News

Toto o lela ka seemo sa mogare

19 Nov 2013

Kgaolo ya Kgalagadi ke nngwe ya dikgaolo tse di amilweng thata ke mogare wa HIV.

Se se builwe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto mo phuthegong ya kgotla kwa Omaweneno bosheng. O ne a supa fa seemo sa mogare kwa Kgalagadi se feta sa Botswana ka bophara.

O tlhalositse fa seemo sa mogare mo kgaolong eo se tsamaya kwa go lesome le boferabongwe mo lekgolong fa sa Botswana jotlhe ka kakaretso sone se tsamaya kwa go lesome le boferabobedi mo lekgolong.

A re dipalapalo di supa fa lefatshe leno le na le batho ba le palo potlana, e e ka abelelwang kwa didikadikeng tse pedi; mme mo go yone Kgalagadi fela a le nosi a na le batho bale 29 191 ba ba tshelang ka mogare wa HIV.

Rre Toto o ne a tswelela ka go supa fa tota go utlwisa botlhoko gore e re fa go buiwa dikgang tsa HIV/AIDS, tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le ditagi, go bo go umakiwa le bana ba dingwaga tse di tshwarang lesome.

A re dipalo di supa fa bone mo lekgolong, jwa batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS, e le ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le lesome le boferabongwe; lesome le bobedi mo lekgolong e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le bone; fa masome a mabedi le borataro mo lekgolong bone e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano le masome a mabedi le boferabongwe.

Rre Toto o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dipalo di supa fa bana ka bontsi ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le tse di lesome le boferabongwe ba tlhakanela dikobo la ntlha ba sa dirise itshireletso; fa ba bangwe ba na le bakapelo ba feta bongwe; bangwe bone ba tlhakanela dikobo bale ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi le go batla madi. O ne a rotloetsa batsadi fela thata, go bua le bana ka dikgang tsa HIV/AIDS le tlhakanelo dikobo.

A re dipalo di supa fa bomme ba le masome mabedi mo lekgolong mo Botswana ka bophara ba tshela ka mogare e bile ba le 15 000 ba tsenwa ke mogare o mosha ngwaga le ngwaga. Rre Toto o ne a tswelela ka go tlhagisa fa se se sa reye gore borre bone ba dule ka tshoba la mogodu kana ga ba amiwe ke mogare; a bua jalo a tlhalosa ka fa borre ba sa itlhatlhobeng ka teng.

Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha borre botlhe gore ba eme ka dinao go itlhatlhoba le go itse seemo sa bone, ba lese go itlhatlhoba ka bomme. A re se se ka thusa gore ba tseye ditshwetso tse di maleba le gore ba tle ba simolole go tsaya kalafi go sale nako.

Rre Toto o ne a wela ka go kgala batsadi ba ba amogelang dithoto, dijo le madi, tse di tswang mo baneng le ntswa ba itse fa ba sa bereke. A re batsadi ba tshwanetse go tlhotlhomisa le go tlhomamisa gore dilwana di a bo di tswa kae; ka bana ba ka tswa ba di bone ka mekgwa e e ka bayang matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Nov 2013