Breaking News

Puso e itlamile go tlhabolola bagodi

18 Nov 2013

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re puso e tshwere ka natla go tlhomamisa tlhabololo ya matshelo a bagodi ka go lemoga seabe se ba nnileng naso mo tlhabololong ya lefatshe leno.

E rile a bua mo tirong ya letsatsi la bagodi kwa Thamaga ka matlhatso, Ngwanaatsele a tlhola lesome le borataro, mothusa tona a tlhalosa fa go tokafaletsa bagodi mabaka a botshelo e le nngwe ya dikgang tse puso e di tshwaretseng godimo.

A re e re ka go lemoga botlhokwa jwa go rerisanya le bagodi mo dikgannyeng tsa kafa ba eletsang go direlwa ka teng mo dikgannyeng tsa go tlhabolola matshelo a bone, puso e tshwaraganye le go loga lenaneo le le tlaa thusang go tswa ka dintlha tsa ka fa thulaganyo ya go tlhabolola bagodi e kadirwang ka teng.

A re thulaganyo eo e tlaa dirwa ka go tsaya megopolo mo bagoding ka sebele go utlwa ka tlhomamo mathata a bone le ka fa ba eletsang go ka itebaganngwang nao ka teng.

A re e re le ntswa bagodi ba tshelela mo mabakeng a botshelo a a thata, seabe sa bone se tsweletse ka go supafala mo ditirong tsa morafe di akaretsa tlhokomelo ya balwetsi kwa malwapeng, tlhokomelo ya dikhutsana le gone go nna le seabe mo ditshwetsong tsa go tlhabolola lefatshe leno ka go ntsha megopolo mo diphuthegong tsa dikgotla.

O kaile fa dikgwetlho  dingwe tse bagodi ba lefatshe leno ba kopanang natso  e le  lehuma, go tlhoka bonno,LET go tlhoka tshireletsego, go bolawa ke bodutu ka go nna bale nosi, go ikgatholosiwa ke ba masika jaaka bana.

Mothusa tona a re le fa go ntse jalo puso e tlaa tswelela e itlama go diragatsa mananeo a tlhokomelo ya bagodi a akaretsa, madi a P250 le P390 a bagodi le bosole le P500 fa go na le botlhoki le go thusa ka bonno fa go kgonegang teng.

Moeteledipele wa lekgotla la badirelapuso ba ba tlogetseng tiro Rre Norman Moleboge, o gakolotse ka botlhokwa jwa morero mo dikgannyeng tse di amang go neela bagodi ditirelo.

A re e re ntswa ba eletsa go bona bagodi ba neelwa ditirelo ka tlotlo go ba faseriti, ntlha eo e saletse morago ka jaana ba santse balwela mela ya dithuso le bao ba ba itekanetseng.

Mogolwane wa ba Botswana Post Rre Kabelo Ntobedzi o supile fa lekalana la diposo le tshwaraganye le thulaganyo ya go tokafaletsa bagodi ditirelo ka go dira tekeletso ya dikarata tsa dibanka go fokotsa mosuke ngwaga o o tlang o simologa.

A re e re ntswa batshwere ka natla go leka go neela bagodi ditirelo tsa boleng jo bo itumedisang mosuke o santse o kgona go bonala mo diposong ka ntlha ya dipalo tse di kwa godimo ka jaana kgaolo ya Kweneng e e tsenya  Gaborone e na le bagodi ba le 24 000.

Bagodi ba le 38 ba dingwaga tse 100 mongwe le mngwe o ne a abelwa dimpho tsa materase le thobane e e ikokotlelang go tswa mo barulaganying ba tiro eo fa ba ba neng ba kgona go tsena tiro eo ba ne ba amogela gape mophuthelwana mongwe le mongwe gotswa kwa go ba Mompati Merafhe Foundation kwa Mahalapye.

Mo mafokong a tebogo, tona wa botsogo Rev Dr John Seakgosing a re letsatsi la bagodi ke le le botlhokwa thata mo matshelong a bone ka le ba fa sebaka sa go gopolana le ditsala tsa nako e e fetileng tse ba sa kgoneng go di bona ka mabaka a botsogo jo bo kgoreletsang go fitlhelela tsotlhe tse ba di eletsang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : THAMAGA

Event : Letsatsi la bagodi

Date : 18 Nov 2013