Mosele wa pula o epiwa go sale gale
18 Nov 2013
E re ka motlapele a rile mosele wa pula o epiwa go sale gale, balemi kwa motseng wa Gambule mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tshwere ka thata go baakanyetsa paka ya temo.
Mo potsolotsong bosheng, balemi bangwe ba motse oo ba supile fa ba setse ba weditse ipaakanyo mme ba letile fela motlhang marothodi a tla kolobetsang lefatshe go ba letla go tlhoma megoma.
Mme Dumano Ndaule o ne a tlhalosa fa ene a setse a weditse go rema le go tsosa terata ya tshimo ya gagwe. Le fa gone a ise a amogele dipeo tsotlhe ka ya mmidi e ne ya tlhaela, o na le tsholofelo ya gore ba tlaa thusiwa mo nakong e e seng kgakala gore fa pula e na ba seka ba siiwa ke bokgola ba santse ba letile peo.
Ka kgang ya thotloetso ya puso ya gore balemi ba simolole go jwala ka ditselana, Mme Ndaule o ne a supa gore le fa go lebega go dira jalo go tlaa nna bokete, o tla leka ka natla go sala morago dikgakololo tsa balemisi.
O supile fa go le botlhokwa thata gore e re ba fiwa dikgakololo le maele a go tlhabolola temo ya bone ba seka ba di ikgatholosa ka go dira jalo e ya bo e le go ithala ka thipa mpeng. Go sale foo, Mme Ndaule o ne a lela ka tlhaelo ya diterekere mo kgaolong ya bone, a supa fa e kgoba marapo ka bangwe ba felela ba lema morago ga nako mme ba seke ba tswe ka sepe mo masimo.
Le fa gone a dikile a bone thobo fela e e felelang mo seatleng, o na le tsholofelo ya gore e re ka ngwaga di sa tle ka go tshwana, temo ya ngwaga ono e tlaa nna le maduo a a nametsang. Molemi wa monana Mme Norgate Tsheko le ene o tlhalositse fa a eme sentle go ya go baa tema e le lantlha mo a dira jalo mo botshelong jwa gagwe. A re dingwaga tse di fetileng o ntse a sa kgone go fetola toro ya gagwe ya go itirela dijo boammaaruri ka a ne a sena digogi.
Go fetola seemo se, a re o ne a kokotletsa lemme le a ntseng a le bona ka go tshwara-tshwara mo lenaneong la Ipelegeng go ithekela sepane sa ditonki gore le ene a dike a lemile. A re le fa gone a sena tshimo e e leng ya gagwe, o ne a bona go le botlhokwa gore a seka a phutha matsogo fela, ka jalo o ne a kopa mongwe mo motseng go mo segela fa a ka lemang teng mo tshimong ya gagwe.
Le fa Tsheko a tlhorwa boroko ke go kwakwalala ga legodimo mo go tsweletseng mo nakong eno, a re o santse a na le tsholofelo ya gore seemo se tlaa fetoga mo nakong e e seng kgakala.
Mme Tsheko o ne a ikuela mo bananeng ka ene go tlhagafalela temo, a tlhalosa gore le fa ntswa dingwaga dingwe di nna tsa leuba, ga se mo mabakeng a le mantsi mo motho a ka tswang a sa tsaa le fa e le ka kopi. Molemi yo mongwe Rre Moses Diyeve ene o ne a farologana le ba bangwe ka a ne a supa fa ene a ise a simolole go baakanyetsa temo. O ne a supa fa mo nakong eno a santse a letile gore pula e kgabole.
Mo go reng maikutlo a gagwe ke eng ka go lema ka ditselana, Rre Diyeve o ne a supa fa tota a sa tlhomamise fa a tlaa kgona go dira jaaka puso e rotloetsa. O ne a tlhalosa fa go rothisa peo ka seatla e le tiro e e seng bonolo e bile e le bonya mo e ka siisang motho bokgola. O kaile fa keletso ya gagwe e le gore puso e ka bo e ne ya tlosolosa tshimolodiso ya go lema ka ditselana go fa Batswana sebaka sa go e ipaakanyetsa.
A re tshwetso e e tserweng e setse e mo tsentse boitlhobogo jwa gore a tota o tlaa kgona go bona madi a temo mo letsemeng la monongwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2013






