Lenaneo le fetola botshelo
18 Nov 2013
Rre Sizwe Moses wa Mathangwane o dumela thata mo seaneng se se reng mphampha e a lapisa, motho o kgonwa ke se sa gagwe.
Mo potsolotsong bosheng, Rre Moses a re e sale a thusiwa ka lenaneo la Young Farmers Fund (YFF), botshelo jwa gagwe bo fetogile e bile batho ba setse ba itse gore le ene ke motho. A re kgwebo ya gagwe ya go lema merogo o sale a e simolotse ngwaga tlola mme a rekisetsa batho ba motse oo fela.
Rre Moses a re dikgwetlho tse a neng a kopana le tsone di tshwana le letlhoko la lefatshe le madi di ne tsa seka tsa mo kgoba marapo. Mme o ne a kopana le mosamarea yo o molemo yo o neng a mo fa dikgakololo gore a ikopanye le ba lephata la ditsha le matlo, la tsa pereko le selegae le la tsa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo go godisa kgwebo ya gagwe.
A re lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le ntse le seabe se setona fela thata mo kgwebong ya gagwe ka ebile ba ne ba mo rutuntsha go lema dijalo tse dintsi le go godisa kgwebo. O setse a rekisetsa mabentlele a tshwana boChoppies, Spar le bagwebi ba babotlana.
Rre Moses o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma a tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka jaana ene a dule mo lehumeng, mo a kgonang go tlhokomela bana ba gagwe ba sekole. A re ntswa kgwebo ngwe le ngwe e lebaganwe ke dikgwetlho, o setse a itse gore o ka fema jang dilo tsa go nna jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kepaletswe Mudongo
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 18 Nov 2013






