Debswana e thusa Bangwaketse go aga leobo
18 Nov 2013
Moepo wa teemane kwa Jwaneng o ntshitse P1 million, go atolosa leobo la kgotla kgolo ya Bangwaketse kwa Kanye.
Lephephe la pampiri le le supang madi ao le ne la neelwa Kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II ka Labotlhano Ngwanaatsele a tlhola lesome le botlhano kwa kgotleng.
Fa ba supa madi ao mo kgotleng e e neng e penologa, boemedi jwa Debswana bo boletse fa bo gwetlhilwe ke bojammogo jwa bone le Bangwaketse go tswa goo lowe. Mme Naledi Golden o boletse fa seabe le tirisano mmogo fa gare ga Kgosi Malope II, e le ya batho ba ntshana se inong fela jaaka ba ne ba dira pele le rraagwe, Kgosi Seepapitso IV golo a go letseng.
Mme Golden o boletse fa kemonokeng ya Bangwaketse e dirile gore moepo wa Jwaneng o dire sentle thata mo thekisong ya diteemane, e a boletseng e le yone e di gogang kwa pele ka go tsenya madi a a dirang ditlhabololo.
A re moepo wa bone o itlamile go dira maikano a le mane e bong go dira ka botswapelo; go aga tshepho mo babereking le Batswana ka kakaretso, go aga mmogo le go bopa bokamoso jo bo nang le maduo a a eletsegang. Mme Golden o boletse fa kgaolo ya Borwa e le bophara mme ba thusa setshaba sa Botswana ka go farologana.
“Re dira mo go tweng bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie,’’ a bolela. Mogolwane o boletse fa mo Kanye ba abile dithuso di le mmalwa go balelwa go aga lefelo la itshidilo maikutlo; ka peo ya ga Kgosi Malope II ba ne ba ntsha P20 000, le diphofu tse nne,ba bo ba ntsha P20 000, mo phitlhong ya ga Kgosi Seepapitso IV. A re ka letsatsi la bojanala mo Kanye ba ne ba ntsha P35 000.
O boletse fa kwa Mabutsane ba goketse motlakase mo dikokelwaneng, a bolela fa ba le mo lenaneong la go aga ntlo lohalahala ya metshameko yotlhe e e tlaa lopang P3 million kwa Mabutsane, a bo a bolela fa ba thusa masiela kwa Mpule Kwelagobe kwa Jwaneng.
Fa ba mo kgwa dikgaba, Bangwaketse ba ne ba leboga go menaganye fa moepo wa Jwaneng o thusa, ka e bile o le mo kgaolong ya bone. Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang a re e re ntswa lefatshe leno le le mo madubadubeng a kwelo tlase ya itsholelo, morafe ga o a baya fela mo pusong.
O galaleditse Kgosi Malope II, go bo a kgonne go bua le Debswana ka dithuso, a bolela fa le bone e le khansele ba sa nna fela. Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana a kopile Debswana gore le bone ba ba gopole ba seka ba leba ntlha e le nngwe fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Kabo ya dithuso
Date : 18 Nov 2013






